Maitsholo a banana ga a jese monate
20 Jun 2013
Mookamedi wa setlhopha sa banana sa metshameko ya bodiragatsi, o kopile banana go fetola maitsholo a bone mabapi le nnotagi.
Rre Samson Mokoba, mookamedi wa setlhopha sa Medupe, a re nnotagi, bakapelo ba le bantsi le dikotsi tsa tsela, di tsweletse ka go gapela banana matshelo. A re ka jalo go tlhoka gore banana ba fetole maitsholo a bone go itshireletsa.
O tsweletse ka gore maitsholo a banana bangwe a tshedisetsa batsadi le setshaba mo letshogong. Rre Mokoba a re tiriso ya ditagi e baka dintwa, kwelo tlase mo dithutong, dipolaano tsa baratani, tse tsotlhe a tlhalositseng fa di tsisa ditlamorago tse di botlhoko mo matshelong a banana ka di ba senyetsa bokamoso.
A re morago ga lebaka, dikai tsa tiriso ya ditagi botlhaswa di simolola go itshupa mo mebeleng ya banana. O boletse fa bojalwa bo koafatsa makgwafo, boboko, gape bo tsisa malwetse a pelo mme gape bo ka baka le go lwala tlhaloganyo.
O tlhalositse fa go lemogilwe fa go iphetisa dino go kuketsa go tsenwa ke mogare wa HIV motlhofo ka gore fa motho a itshietse phetelela, o feleletsa a tlhakanetse dikobo a sa dirise sekausu.
O boletse fa mokgatlho wa gagwe o ikaeletse go tswelela o ruta banana ba lefatshe la Botswana ka bophara ka botlhokwa jwa go itshwara sentle go babalela matshelo a bone.
Rre Mokoba a re banana ba ba sa fetsang dithuto tsa bone ba tseye sebaka sa ngwaga wa 2013 go boela dikoleng, a re go dira jalo go ka ba namola mo lehumeng. ENDS
Source : BOPA
Author : Lucky Doctor
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 20 Jun 2013






