Komiti e agela kgosi ofisi
17 May 2017
Komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya kgotla ya Mabodisa mo Mochudi e eme ka dinao go bereka mmogo go tlhabolola motse wa bone.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti eo Rre Lawrence Kgori a tlhalosa fa komiti e akaretsa maloko a le lesome, dikgosi, ba boipelego le baemedi ba maphata a mangwe a puso.
Rre Kgori a re ba kgonne go wetsa kago ya diofisi tse pedi, mabeelo a dithoto tsa bone ebile e na le matlwana a boitiketso a a dirisang metsi mme tiro eo ba e simolotse ngogola.
Diofisi tseo go boletswe e le ya ga kgosi le molemisi ba ba ntseng ba na le kgwetlho ya ofisi, a re gape ba baakanya ofisi e kgologolo go e busetsa mo seemong se se botoka.
A re e le komiti ba ne ba itlama ba bo ba ikemisetsa go tla ka ditlhabololo tsa sennela ruri ebile di na le boleng.
O kaile fa ba itebagantse le ditiro tse di ka tlhamelang banni ba kgotla ya bone mebereko a tlatsa ka gore mo kagong ya diofisi ba ne ba thapile baagi ba kgotla le go dirisa ditena tse di tswang kwa madirelong a bone.
Go le pele a re ba ne ba ala kgotla fa fatshe ka ditena tse a reng ba di rekile mme ba thapa batho go dira mo tirong eo.
O tlhalositse fa ba na le kgwebo ya go foroma ditena e e leng yone mang mang wa letseno la bone a tlatsa ka gore ba na le letlole le ba bolokang madi a ditena le a matlo a ba a hirisang a le supa.
Mo kgannyeng ya go tlhabolola motse go ya pele ba ikaelela go aga lefelo le le bulegileng la kgwebo le ba tlaa le hirisetsang batho ba ba mo dikgwebong ka madi a a kwa tlase segolo thata banana, a re ba na le keletso ya go oketsa matlo a bone a a hirisiwang le go aga lefelo la itloso bodutu.
Rre Kgori o tlhalositse fa ba bereka le dikomiti tse dingwe tsa motse di akaretsa ya Green Scorpion, baithaopi ba ba berekang le sepodisi a tlatsa ka gore ba setse ba gapile dietsele di le mmalwa di akaretsa ya kgotla e e phepa mo go tse dingwe.
Kgosi Pheko Phefo a re komiti ya ditlhabololo e kgona ka tirisano mmogo le boineelo mo go se ba se dirang.
Kgosi Phefo a re morero le boeteledipele jwa motse ka kakaretso le jone bo na le seabe se setona ka jaana komiti eo e rera le bone.
Fa a tswa la gagwe leloko la komiti ya tlhabololo ya motse wa Mabodisa Mme Segametsi Rakgafela o kaile fa boithaopo le boineelo jwa maloko a komiti le morafe bo le bontsi thata.
Mme Rakgafela a re ba leboga morafe thata ka ba rerisana le bone mme ba ba thusa ka megopolo le dikgakololo selo se a rileng se ba thusitse fela thata mo dikatlegong tsa bone.
O ne gape a tlhalosa fa ba le motlotlo ebile ba kgonne diphitlhelelo tsa ditlhabololo tse dintsi tsa kgaolo ka ba na le motshwara madi wa popota yo ka dinako tsotlhe a direlang dilo mo pontsheng ebile a na le boitseanape jwa tsa madi le morero le bone.
A re ngogola ba ne ba tlhama komiti ya Child Protection e ka yone ba setseng ba nnile le dikgang tsa kgokgontsho ya bana di le pedi mme ba santse ba di setse morago.
A re komiti eo e akaretsa ba sepodisi, barutabana botsadi le baemedi jwa bana ba dingwaga tse 18 le tse di kwa tlase ga 16. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2017






