Breaking News

Dirisang diofisi - Kokorwe

17 May 2017

Motsamaisa dipuisano tsa palamente Mme Gladys Kokorwe o gakolotse banni ba kgaolo ya Mahalapye Bophirima go etela ofisi ya mopalamente wa bone go bona dithuso.

Mme Kokorwe o buile se fa a ne a lekodisa banni ka mo phuthegong e mo go yone a neng a lekodisa batho ba kgaolo eo ka ditsamaiso le ditiro tsa palamente mo kgotleng e tona ya Mahalapye bosheng.

A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go etela ofisi eo go ka kopa thuso, ka e bile babereki ba yone e se ba sepolotiki mme e le babereki ba puso.

O ne a tlholosa gape gore babereki bao ba emetse mopalamente ka jalo ba seka ba ipona tsapa ba re ba emetse mopalamente go tla, ka le bone ba ka ba thusa.

Mme Kokorwe o ne a tswelela ka go tlhalosetsa ba bna neng ba tsene phuthego eo fa maikemisetso le tiro ya palamente e le go dira melao le melawana ya tsamaiso ya lefatshe, go kgaoganya madi a setshaba gammogo le go ela tlhoko go bona gore maphata a lesome le borataro a mmuso a dira ditiro tsa one ka matsetseleko.

A  re palamente ya lefatshe leno e bopilwe ka mapalamente a le masome a matlhano le bosupa a a tlhophilweng ke setshaba le a le marataro a a itlhophetsweng ke palamante go balelwa le Tautona le motsamaisa dipuisano tsa palamente ba ka bobedi ba tsenang mo palamenteng ka maemo a bone.  

E  rile a itebaganya le mapalamente ka sebele, a bolela fa tiro ya bone e le go tsaya megopolo mo batlhophing go e isa kwa palamenteng le go tlhalosetsa setshaba ka melao e e dumalanweng ke palamente fa batlhophi bone boikarabelo jwa bone e le go neela baemedi ba bone megopolo le dikakanyo tse di ka dirisiwang go tokafatsa matshelo a bone.

 

E ne ya re ba mo kgwa dikgaba banni ba Mahalapye ba mo lebogela tiro e e botlhokwa e a e dirang ya go tsisa palamente kwa go bone.
Le fa go ntse jalo ba ne ba itela gore a dikomiti tsa palamente di fokotswe, gore mapalamente a kgone go dira ditiro tse dingwe tsa morafe, le go ba tlhola go utlwa dilelo tsa bone.

Mongwe yo o neng a tsene phuthego eo, Rre Kgomotso Moilwa o ne a tlhalosetsa Mme Kokorwe gore ga ba itumedisiwe ke tlhopho ya mapalamente a a itlhophelwang ke palamente ka bone e le batlhophi ba a bo ba sa ba batle.

A re bontsi jwa bone o fitlhela e le ba batlhophi ba sa ba tlhophang mme fa ba tswa foo ba a tlhophiwa ba bo ba fiwe maemo fela a a kwa godimo.

Rre Sammy Hosea ene o ne a kopa gore a segologolo sa go tsaya megopolo mo bathong se boele ka se se dira gore gantsi batho ba seka ba itumedisiwa ke melao mengwe.

Rre Hosea a re go kilwe ga bo go tsewa maikutlo a batho pele go ka dirwa melao mme se, se fetogile, ka jalo a kopa gore pele melao mengwe e ka rurifadiwa fa e le melao Batswana ba nne le seabe.

E ne e rile go le pele modulasetilo wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye Rre Goabaone Ntapu a kopa Mme Kokorwe gore a go ka se tokafatswe dikomiti tsa palamente le ka fa di dirang ka teng.

Rre Ntapu o ne a kopa Mme Kokorwe gore gape e le Batswana ba ka eletsa go nna ba bona dikgang tsa palamente mo setshwantshong sa motshikinyego, go bona tota gore go diragala eng.

O ne a gakolola gape gore mapalamente a tshwanetse go rotloediwa thata go itse se ba se etseng kwa palamenteng, gammogo le boitsholo jwa bone go papamatse se ruri tshaba ya Botswana e ntseng ka teng, ka fa ba sa itseye sentle, go direla lefatshe leina le le sa siamang.

Rre Ntapu o ne a leboga go menagane Mme Kokorwe go tsamaya le lefatshe a lemotsha le go ruta Batswana ditirelo tsa palamente le gore go diragalang eng kwa palamenteng, a tlatsa fa dithuto tse di le mosola fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 May 2017