Breaking News

Boithaopo bo ka tlhabolola lefatshe

16 May 2017

E re ka letlhoko la madi mo dikoleng le ile magoletsa go ka dira ditiro tsa tsatsi le tsatsi go tokafatsa maduo, batsadi bangwe ba tsweletse ka mowa wa boithaopo go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa batsadi bao, Mme Mmatsheko Monamodi a re batsadi ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go bona gore bana ba bone ba rutelwa mo diemong tse di maleba go ka tokafatsa maduo.

Mme Monamodi a re ditiro tsa boithaopo di mefuta, jaaka go ntsha madi a a ka thusang go reka dingwe tse bana ba di tlhokokang kana go isa matsogo go baakanya mo sekoleng gore go lebege.

A re gape fa o ithaopile ka sengwe, o seka wa batla go tlola molao wa sekole.

A re seo ke sesupo sa gore motsadi o a bo a sa rwesa barutabana mokgweleo wa go dira  sengwe le sengwe ntswa batsadi le bone ba tshwanetse ba nna le seabe.

O rotloeditse batsadi gore gape fa ba ithaopa ba seka ba solofela dikatso dipe mme ba dire jalo ka lorato le bopelotelele.

Mme Monamodi a re mo nakong ya gompieno o ithaopile kwa sekoleng se sebotlana sa Mogonye go goba ntlo ya ditso.

A re tiro eo oe  simolotse kgwedi e e fetileng mme o solofetse go e wetsa kgwedi e e tlang.

O tlhalositse gore morago ga go bona gore ntlo eo ya ditso ga e mo seemong se se kgatlhang ka ene e wa bojang e bile e thuntse, o ne a ithaopa go e tshasa mmu gammogo le go e dila gore e boele mo seemong.

O ne a bua gore go ithaopa moo go ne go tswa mo pelong a sa kopiwa ke ope, e bile a tlhalosa gore ke tiro e a e ratang.

Mme Monamodi a re ntlo ya Setswana e tshwanetse ya lebega ka fa tshwanelong gore le bana ba sekole fa ba rutwa ka yone ba bo ba na le bosupi tota jwa gore e ntse jang ka bangwe bana ba sa e itse.

A re go botlhokwa gore bana ba rutwe ka dilo tsa ngwao ba le gaufi le tsone gore ba di rurifatse le go tlhomamisa ditebego tsa tsone.

Ka jalo a re morago ga go wetsa go e goba gore e nne thata, o tlaa bo a e kgabisa ka pente.

A re o kopana le dikgwetlho tsa go tlhaela ga boloko, mme seo se dire gore a bo senke kgakala.

A re ga go motlhofo go bona boloko mo motseng ka bontsi jwa dikgomo di nna kwa merakeng.

Kgwetlho e nngwe ke gore go mariga mme seo se dira gore ntlo e seka ya oma ka bonako ka e tsaya malatsi a le mmalwa gore e ome, mme seo se mo diele nako ya go ka tswelela le ditiro tse dingwe tsa go wetsa ntlo.

Mme Monamodi a  re o lebogela sekole go mo ema nokeng ka dithuso dingwe jaaka go mo thusa go senka mmu o a o dirisang gammogo le go mo fa dikgakololo gore ba eletsa ntlo eo e lebega jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOGONYE

Event : Potsolotso

Date : 16 May 2017