Breaking News

Ikgateng motlhala - Kgosi Malope

20 Jun 2013

Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o kopile Bangwaketse go ikgata motlhala go tsosolosa ngwao ya dikgafela, e jaanong go lebegang e lebalesega.

Kgosi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng. A re pele dikgafela di ne di dirwa morago ga thobo, e le go ipelela dijo tse ba di boneng le go lebogela Modimo go bo a ba neseditse dipula gore ba kgone go lema ngwaga oo.

Kgosi Malope o ne a kopa ba ga Ngwaketse go bopa mokgatlho o o tlaa tsayang marapo a go baakanyetsa dikgafela tsa monongwaga gape le go mo gakolola mo go tsotlhe tse di tlhokafalang ka nako ya tsone. Ba ga Ngwaketse ba ne ba lebogela mafoko a ga Kgosi Malope go bo a ikaelela go tsosolosa ngwao ya bone.

Kgosi o ne a kopa gape gore ditshupo tsa temo-thuo tse di kileng tsa bo di tumile thata kwa kgaolong ya ga Ngwaketse, tse di neng di tlwaelesegile ka mabelo a dipitse, di simolole go baakanyediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jun 2013