Setlhopha se tsosolosa ngwao ka moletlo
15 May 2017
Mothusa mokwaledi wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o lebogile setlhopha sa mmino wa Sebirwa sa Re tlaa re ke Dipitse go rulaganya moletlo wa ngwao ya Babirwa.
Fa a bua kwa moletlong wa pulo ya ngwao ya moletlo wa Babirwa ka Matlhatso kwa Bobonong, Rre Kaboeamodimo a re moletlo o ke tsela ya go tsosolosa ngwao ya Babirwa.
Rre Kaboeamodimo a re e ke nngwe ya go tsosolosa le go tlhabolola ngwao le matshelo a Babirwa go dirisiwa ngwao.
A re o itumelela ka tsela e banana ba ka kgonang go ntsha ditalente tsa bone mme ba kgona go itshetsa ka tsone e le dikgwebo.
Rre Kaboeamodimo o supile fa a itumelela gore moletlo o o ne o tsenwe ke banana selo se a reng se supa gore ngwao ga se selo sa bagolo fela ba le nosi jaaka e ne e le tlwaelo bogologolo.
O tlhalositse fa go dirisa ngwao go ka tsisa bajanala mo kgaolong ya Bobirwa mme se e le tsela nngwe ya go itshetsa.
A re ditiro tsotlhe tse di amang tshaba ya Botswana di tshwanetse go bo di remeletse mo ngwaong a supa fa merafe ka go farologana e tshwanetse go dirisa ngwao le teme go ipelafatsa ka yone mme e seng go kgaoganya setshaba.
O kopile banana go ithuta mo batsading ba bone a kopa gore ba boele kwa ngwaong ya bone gore ba gole sentle.
O kopile setshaba go kwala ngwao ya bone ebile ba e tlhalose gore ditshaba tse dingwe di kgone go tlhaloganya.
Fa a tswa la gagwe, morulaganyi wa moletlo oo, Rre Godfrey Maake o supile fa moletlo o e se wa setlhopha sa Re tlaa re ke Dipitse mme e le wa Babirwa mme a kopa botlhe go tsenya letsogo mo tirong e.
Rre Maake a re o maswabi go bona bangwe ba sa tseye karolo mo tirong eo a re ka moletlo o ditalente di kgona go senoga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : moletlo wa pulo ya ngwao
Date : 15 May 2017






