Baithuti ba Madiaela ba abelwa sekotsekara
15 May 2017
Tlhokomelo ya dimpho le thuso e e tswang kwa go Tautona ke maikarabelo a setshaba ka kakaretso.
Go tlhalositse jalo mokwaledi wa thuto mo khanseleng-potlana ya Palapye, Rre Motshegetsi Gorileng fa a rolela batsadi le baithuti ba masimo a Madiaela gaufi le Radisele sekotsekara sa ditonki ka Labotlhano se khansele-potlana ya Palapye e neng e se aba ka lenaneo la ga Tautona la go thusa baithuti ba ba nnang kgakala le dikole mme ebile ba na le kgwetlho ya dipalamo.
Fa a bua mo boemong jwa khansele-potlana ya Palapye, Rre Gorileng o tlhalositse fa morago ga go bona seemo se se ngomolang pelo se baithuti ba sekole se sebotlana sa Radisele ba ba nnang kwa masimo a Madiaela ba se ralalang ba ya ko sekoleng mo mosong dikhilomithara di feta lesome go le dipula, serame le mogote ba dumalana ka bongwe jwa pelo go bona gore ba ba tswa thuso.
A re ka lenaneo la ga Tautona la go thusa baithuti ka dipalangwa, ba ne ba bona fa sekotsekara sa ditonki se ka sireletsa baithuti ba ba nnang kwa masimo a Madiaela mo diemong tsa bosa tse di maswe mme ebile se ba fefose mo mosong go ya ko sekoleng le go boela gae.
Fa a ba rolela sekotsekara seo, Rre Gorileng o ne a kopa batsadi le baithuti ba sekole se sebotlana sa Radisele ba ba nnang kwa masimo a Madiaela go tshwaraganela go tlhokomela sekotsekara seo a supa fa puso e se ntshitse ka lerato go kgatlhantsha botlhoki jwa baithuti.
O supile fa e le maikarabelo a botlhe go leboga se ba se amogetseng mo pusong ka matsogo a mabedi a tlhalosa fa sekotsekara seo e le sa bobedi go abelwa sekolo se sebotlana sa Radisele.
A re Tautona o setse a kile a abela sekole seo sekotsekara sa ditonki fa a etetse motse wa Radisele.
Rre Gorileng a re ba tlaa oketsa dikotsekara kwa masimo a Madiaela go di dira pedi ka ba lemogile fa sekotsekara se le sengwe se ka seke se kgone palo ya baithuti e a tlhalositseng fa e le kgolwanyane.
Fa a amogela sekotsekara seo, mokhanselara wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare o ne a leboga Tautona go tla ka lenaneo la dikotsekara tsa ditonki a supa fa le tlaa thusa baithuti ba ba nnang kgakala le dikole ka dipaka tsa dipula le mariga le go bona gore ba goroga kwa sekoleng ka nako.
Rre Monare o ne a supa fa a itumelela go bo sekotsekara seo se abilwe ke puso mme ebile dipaakanyo tsotlhe tsa sone fa se na le mathata di le ka fa tlase ga yone.
Fa a iteela kobo moroko, Kgosi Abraham Thuto wa kgotla ya Mmapetwana kwa Radisele o ne a leboga Tautona ka go tswelela ka go otlolola letsogo a ntsha mananeo go thusa fa go nnang le botlhoki teng.
Kgosi Thuto o ne a leboga gape Rre Shathane Mmereki morago ga gore a abe tonki e e tlaa nnang nngwe ya ditonki tse di gogang sekotsekara seo.
A re mowa wa go aba wa ga Tautona ke thuto mo setshabeng ka kakaretso go bona gore le bone ba tsenya letsogo go thusa ba ba nang le botlhoki.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Radisele, Mme Mosadinyana Phukula a re sekotsekara se tlaa tlhofofaletsa barutabana le baithuti ba ba nnang kwa masimo a Madiaela tiro ya sekole a supa fa baithuti bao ba tsena kwa sekoleng thari dithuto di setse di tsamaile.
A re dinako tse dingwe ka go tlhoka lesego, beng ba dikoloi ga ba fe baithuti mosepele phakela fa ba ya sekoleng mme ba patelesege go tsamaya ka dinao dikhilomithara tse di sekgele a kaya fa ba goroga ba lapile kwa sekoleng.
Mo boemong jwa baithuti ba ba nnang kwa masimo a Madiaela, moithuti wa lekwalo la bosupa Tawana Mothopi a re Modimo o tlaa segofatsa Tautona go bo a ntshitse lenaneo la go thusa baithuti ba ba nnang kgakala le sekole ka dikotsekara.
A re ba ntse ba nna mo letshogong la gore ba tlaa thopiwa ke beng ba dikoloi tse ba kopang mosepele mo go tsone fa ba ya sekolong le ba boela gae ka jalo sekotsekara se tlaa sireletsa matshelo a bone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : Radisele
Event : KABO DIMPHO
Date : 15 May 2017






