Tona o kopa banana go bula dikgwebo
20 Jun 2013
Tona wa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Shaw Kgathi o kopile banana go dirisa sebaka se ba se filweng ke puso go tsena mananeo a go itshetsa ka go ipulela dikgwebo.
O buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Maunatlala le Seolwane bosheng. A re ba lemogile fa bontsi jwa banana mo dikgaolong dingwe ba sa tsibogele mananeo a ba a diretsweng a go ipulela dikgwebo.
O boletse fa puso e ntshitse madi a selekanyo sa didikadike di le pedi go dirisiwa ke banana ba kgaolo ya Tswapong bokone. O tlhalositse fa monana yo o nang le kgatlhego ya go bula kgwebo a ka fiwa madi a selekanyo sa P100 000 mme mo mading ao, a bo a ka busa fela P50 000.
Tona Kgathi a re go utlwisa botlhoko ka fa banana ba tsibogelang mananeo a bone a itshetso ka ba se na mabaka ape a a utlwalang, a a ba kgoreletsang. O tlhalositse fa dipampiri tse di tladiwang ke banana fa ba ikopela go bula dikgwebo, di le motlhofo ka di kgona go tlatswa ke monana mongwe le mongwe.
A re se monana a tshwanelwang ke go se dira ke go akanya gore kgwebo o ka dira efe e a ka thusiwang ka madi a go e bula.
Rre Kgathi o ntshitse matshwenyego a gore go na le banana bangwe ba ba nang le keletso le bokgoni jwa go ka bula dikgwebo mme ba bereka mo lenaneong la Ipelegeng ntswa lenaneo le e se la sennelaruri.
Ka jalo Rre Kgathi, yo e bileng e le mopalamente wa Bobirwa, o ne a rotloetsa banana ba ba nang le kgatlhego ya go bula dikgwebo go ikopanya le diofisi tsa banana go ikopela go bula dikgwebo.
O ne a kopa ba ofisi ya banana go thusa banana ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo ka botswapelo.
Le fa go ntse jalo banana ba ne ba bolela fa ba tsenelela mananeo a bone a go itshetsa mme go na le dilo dingwe tse di tlhokafalang mme di ba kgoba marapo.
Ba file dikai tsa go tlhoka ditsha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jun 2013






