Dikotsi tsa tsela fa gare ga motse wa Kanye di kwa godimo
14 May 2017
Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa diofising tsa sepodisi tsa Sejelo, Superintendent Gregory Mojobe o boletse fa ba na le matshwenyego mabapi le dikoloi tse di thulang ba-tsamaya-ka dinao fa gare ga motse mo Kanye.
Superintendent Mojobe o buile jalo kwa letsatsing la mafatshefatshe la ipabalelo tseleng le le neng le tshwaretswe kwa marekisetsong a Mongala mo Kanye ka Labotlhano.
O boletse fa gantsi dikoloi tsa teng di thula batho di bo di sia mme e bile bangwe ba tlhokafala gone foo.
O boletse gore monongwaga mo kgaolong e a e okametseng go nnile le dikotsi tsa tsela di le lesome le bobedi mme ga tlhokafala batho ba le lesome le bone.
O boletse fa dikotsi di bakwa ke lebelo le le feteletseng le go kgweetsa mokgweetsi a nole.
Mo gongwe ke ba-tsamaya-ka dinao ba ba ganelelang mo tseleng ya dikoloi, fa mo gongwe ba tsamaya mo letsogong le eseng la bone.
Mogolwane wa mapodisi wa Sejelo, Superintendent Sello Ntwaagae o boletse fa mo kgaolong ya bone ba tshwenngwa ke go thujwa ga matlo bosigo, go thujwa ga marekisetso, go kgothosiwa le dithubetso mo go golelang pele mo Kanye le metse e e mo tikologong.
O kopile banni go robala ba lotletse le go tswala diokomela bagwe thata.
Mogolwane a re dithubetso di dintsi, bogolo jang mo basetsaneng.
A bolela fa bangwe ba thubediwa ba tswa maitisong.
O boletse fa go na le kgang ya basetsana bangwe mo dibareng ba ba tsietsang banna ka go ba nwela bojalwa ba bo ba tswa ba sia.
Ga twe ba bitsa banna ‘dipoko’.
O kopile ba ba itisang bosigo go tsamaya sebedi kgotsa go feta go itsa dithubetsi go ittirwla boithatelo.
O boletse fa go tlhapologela gongwe le gongwe le go nwa bojalwa o ntse o tsamaya mo tseleng e le molato.
Batho bone ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo.
Go ne ga nna le merapelo ya go rapelela dikotsi, borukutlhi, malwetse le kgokgontsho mo malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 14 May 2017






