Breaking News

Tona o akgola banana ba Thamaga

14 May 2017

Tona wa lephata la khiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso ebile e le mopalamente wa kgaolo ya Thamaga/Kumakwane Rre Tshenolo Mabeo o akgoletse banana ba motse wa Thamaga go leka ka bojotlhe go intsha mo lehumeng ka go dirisa mananeo a puso a a leng teng.
E rile a bua kwa thuto-puisanong ya dikoporase e e neng e tshwerwe go tla go ruta banana ba Thamaga ka dikoporase le go di tlhama kwa motseng oo ka Labone, Rre Mabeo o ne a tlhalosa fa puso e lemoga letlhoko la ditiro le le kwa godimo mo bananeng.

A re puso e leka ka bojotlhe go bona gore ditiro di a tlhamiwa ka go simolola dikgwebo tsa sennela ruri le gone go rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso a go ba ntsha mo lehumeng.


E rile a tswa la gagwe mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Vincet Sebalo o ne a tlhalosa fa ba ne ba iphutha e le banana go bona ka fa ba ka tsayang mananeo ka teng go tokafatsa matshelo a bone.
A re ba ne ba lemoga fa dikoporase di le bogadi bo gaufi ebile e le tsone tse di ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone, ke ka moo ba neng ba bona go le maleba go bitsa ba lephata la dikoporase go tla go ba rutuntsha ka tsone.
Mogolwane go tswa ofising ya dikoporase kwa Molepolole, Rre Baikakedi Baikakedi o ne a akgolela banana ba Thamaga go nna le kgatlhego mo go tlhameng dikoporase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : THAMAGA

Event : Thuto-puisanong

Date : 14 May 2017