Breaking News

Ba kopiwa go emana nokeng

14 May 2017

Banni ba Sehithwa le Toteng kwa Nhabe ba kopilwe go tlhokomela dithoto tsa bone, segolo jang tse ba di neetsweng ke puso ka lenanao la nyeletso lehuma.
Seo se builwe ke molaodi yo mosha wa Nhabe,  Rre Keolopile Leipego fa a ne a etetse metse eo go ya go ipega mo banning.
A re o setse a itemogetse gore bangwe ga ba tlhokomele dithoto tse ba di fiwang ka ba re ke tsa puso le ntswa di tsile go ba tswela mosola.
A re fa motho a neetswe dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma, fa di lwala o tlaa bo a raya bakenti a re o tsile go bega gore dipodi tsa bone di a lwala, a tlatsa ka go re ba tshwanetse ba itse gore dithoto tseo tsotlhe ba di neelelwa go intsha mo manokonokong a lehuma.


A re ba tshwanetse ka dinako tsotlhe ba nna ba tlhokomela dithoto tseo gore ba di akole ka jaana kwa phelelong, ba tlaa imolola puso morwalo. Rre Leipego o kopile banni go emana nokeng gore ba kgone go tswelela mo dikgwebong.
A re ba reke mo go ba ba setseng ba gatetse pele gore dikgwebo tseo di seka tsa phutlhama.
A re ga go na ope yo o ka tswang go sele a tla go rotloetsa batho bao, a bo a ba kgothatsa gore ba tswelele ba ipapatsa gore dithoto tsa bone di bone theko e e botoka.


E ne e rile go le pele, Mme Latelang Goitsemang wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sehithwa a lebogela madi a dikgaolo a re a tlaa ba thusa go aga matlo a boroko jwa badirelapuso le go tlhabolola holo.
O ne a tlhalosetsa molaodi gore batho ba ba thusitsweng ka mananeo ba kopana le dikgwetlho tsa go tlhoka thotloetso, a ntsha sekai ka ba ba tlhatswang diaparo a re ga ba na mmaraka.
Rre Seikago Kavoyo ene o ne a ngongorega ka gore o ne a kopilwe go rutwa go suga matlalo mme e rile a isiwa kwa dithutong a ya go neelwa thuto ya go roka mabante e a boletseng fa e se na thuso mo go ene ka ga a na mmaraka.
A re banni ba maoto a tshupa go reka mo go bone mme selo seo se ba rontsha go akola maungo a mananeo a puso ka jaana ba sa dire dipoelo jaaka go solofetswe.


Rre Mophato Tubatsi ene o ne a lela ka kago ya khansele-potlana mo Sehithwa, a supa fa ba sale ba kopile ba bo ba solofediwa mme nako kgolo ke eno.
Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Leipego o ne a ba tlhalosetsa fa dingwe tsa dikgang tsa bone a sa di itse mme a solofetsa fa a tlaa leka go ikopanya le ba ba lebanyeng go di latedisa.
O supile fa dingwe tsa ditlhabololo di sa dirwa ka ntlha ya tlhaelo ya madi e e aparesteng lefatshe ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SEHITHWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 May 2017