Tlhomamisang gore le itse melao ya lefatshe leno - Tona Batshu
14 May 2017
Tona wa merero ya tsa setshaba, boagedi le bong, Rre Edwin Batshu a re Batswana ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba itse melawana ya lefatshe leno.
Fa a buisa banni ba Ramokgwebana le Moroka mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Labone, Tona Batshu o ne a re fa Batswana ba ka ipaya mo seemong sa go itse le go tlhaloganya melao e e tsamaisang lefatshe leno, seo se ka ba thusa gore ba kgone go e obamela ka dinako tsotlhe.
A re e re ka jaana lefatshe la Botswana le ikaegile ka poifo Modimo, kutlo le kobamelo melao e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a kgalemela batho kgatlhanong le mokgwa wa go ikanela dilo tse di se nang boammaaruri mme boemong jwa moo a ba kopa go nna ba itshokela go dira boammaaruri ka dinako tsotlhe.
Rre Batshu a re fa Batswana ba ka tlhomamisa gore ba dira jalo, go ka ba thusa gore ba tile go iphitlhela ba gotlhagotlhana le molao, selo se se ka ba bakelang manokonoko mangwe mo botshelong.
O bolela fa poifo Modimo le kobamelo melao di ka thusa tshaba ya lefatshe leno go dibela kagiso le go tshegetsa ngwao, go ka isa lefatshe leno golo gongwe.
A re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go leka go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo a ka go kgonang.
Go ntse go le foo, Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a tlhatlhelela banni ka ditlamelo tse di fiwang batho ke lephata la gagwe, a tlhalosa fa le itebantse le kwadiso ya dintso, matsalo, mekgatlho le go rwala boikarabelo jwa go direla Batswana dikarata tsa Omang, dipasa, ditlankana tsa matsalo gammogo le go itebaganya le dikgang tsa boagedi.
Ka jalo, o ne a gakolola banni go kwadisa ka fa molaong loso longwe le longwe lo lo diragalang mo malatsing a le masome mararo, a tlatsa ka go re ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana pele ga dikgwedi tse pedi di wela.
Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa thata ka jaana e thusa puso mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe.
Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a kopa batsadi go direla bana ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro Omang mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo.
A re Batswana ba tshwanelwa ke go itse fa setlankana sa matsalo le Omang e le tsone lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a bo gape a gakolola gore batho ba nne ba tlhodumela dikarata tsa bone tsa Omang go netefatsa gore ba di ntshafatsa nako e sale teng fa di setse di felelwa ke nako ya tiriso.
Go ntse go le foo, tona Batshu o ne a itsese banni ba Ramokgwebana le Moroka gore lefatshe la Botswana ga le letlelele gore ope yo o nnang mono a bo a na le boagedi jo bobedi, jwa mono le jwa lefatshe le sele.
Banni ba ne ba itsisewe gape gore ope yo o kopang boagedi mono, go na le kgonagalo ya gore kopo ya gagwe e seka ya atlega ka jaana go na le dingwe tse di lebelelwang pele motho a fiwa boagedi.
E re ka ngwana yo o sa leleng a swela tharing, banni ba metse eo ba ne ba seka ba ipona tsapa go lekodisa tona tebang le matshwenyego mangwe a ba nang le one mo a a jaaka tlhaelo ya metsi le seemo sa ditsela.
Ba bile ba ntsha matshwenyego tebang le ditsamaiso tsa ditirelo dingwe tsa lephata leo, tse ba tlhalositseng di sa ba jese diwelang.
Kgosi Mollen Dube wa Ramokgwebana o ne a supa fa go na le leswe le le ngomolang pelo kwa kgorong ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe ya Ramokgwebana, a kaya fa seemo seo se tlaa felela se koba baeng mono e bile se diga seriti sa lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : RAMOKGWEBANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 May 2017






