Sitang o rotloetsa banana go itshetsa ka talente
14 May 2017
Rre Otshedisitse Sitang wa madirelo a Sitang Furniture Designs o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone go ipulela dikgwebo go na le go nna le keletso ya go thapiwa.
O rotloeditse Batswana go tsaya malebela mo bagwebing ba bangwe jaaka badiragatsi, a re seo ke sekai sa gore le ba ba dirang ka mabogo ba na le sebaka sa go ka ipelega.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Sitang a re o tswa kgakala a dira disofa le malao gammogo le go di baakanya fa di senyegile, a tlatsa ka go re o berekile mo madirelong ka go farologana mme e rile a lemoga gore o na le botsipa jo bo lekaneng a ya go itlatsa ka go dira dithuto tsa Certificate in Upholstery kwa Madirelo Training Centre ka 2013.
A re morago ga go fetsa dithuto o ne a ipulela kgwebo ka 2007.
O tlhalositse gore go bula kgwebo go ne go se motlhofo mme ka gore o ne a na le maikaelelo o ne a dira ka natla go fitlhelela kgwebo ya gagwe e nna mo seemong sa go dira dipoelo.
O tlhalosa gore mo nakong ya gompieno, kgwebo ya gagwe e hirile banana ba le bararo go mo thusa ka go na le tiro e ntsi.
A re babereki ba gagwe ntswa ba ne ba na le lesedi ka tiro eo, o ne a nna le sebaka sa go ba ruta tiro sentle gore ba nne mo seemong sa go tlhaloganya gore ba tshwanetse ba dira ka fa moreki a batlang ka teng.
Rre Sitang o tlhalosise gore ntswa kgwebo e tsweletse sentle, o lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa.
Nngwe ya dikgwetlho ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa didirisiwa ka e bile a di reka kgakala.
A re ntlha e nngwe ke gore ga a na lefelo la kgwebo, ka jalo o babalelwa ke madi a phiriso gammogo le gore lefelo le lennye, ka jalo o tlhoka fa a bayang didirisiwa tse ditona teng.
Rre Sitang a re kgwetlho e nngwe ke bagwebi ba ba seng ka fa molaong e bile gantsi e se Batswana.
A re seo se baya Batswana ka ene ka fa mosing ka gore bareki jaanong ba reka kwa go bone ka ditlhwatlhwa tsa bone di le kwa tlase, mme seo se dire gore ba seka ba dira dipoelo tse di nametsang.
Le fa go ntse jalo, o boletse gore o ikaelela go atolosa kgwebo ya gagwe ka dipoelo tse a di dirang, a tlatsa ka go re o eletsa gore kgwebo ya gagwe e nne le makalana mo mafelong a a farologanyeng gammogo le go dira mabeelo a matona a a tlaa tsenyang didirisiwa tsa kgwebo.
Rre Sitang o kopa puso go tswa ka methale ya go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana ka madi gammogo le bogakolodi gore di tle di kgone go dira dipoelo go itsa gore di phutlhame.
A re gape o eletsa gore puso e nne le seabe mo go rutuntsheng bagwebi go dira mekgatlho ya thekiso jaaka wa Product Academy go tokafatsa boleng jwa dilo tse ba di rekisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2017






