Breaking News

Sekoto o kopa thotloetso

12 May 2017

Rre Batshane Sekoto go tswa Masunga mo kgotleng ya Shakashokwe o simolotse go dira dikolotsana tsa ditshipi ka ngwaga wa 2003, mme o simolotse ka sefofane.

O tlhalositse fa a tshotswe ka talente eo mme a sa ya sekoleng go ithutela tiro eo.

O tsweletse a tlhalosa fa a simolotse go dira kolotsana ka ngwaga wa 2002 mo Selebi Phikwe mme a re ka 2005 o ne a dira kolotsana ya ditshipi e e neng ya rekwa ke rre mongwe wa mojanala ka P2 000 kwa Phikwe.

A re maikaelelo a gagwe ke go batla lefelo le a ka direlang mo go lone gore batho ba kgone go tla go bona bonatla le botswerere jo a bo dirang, le gone go pagama dikolotsana tseo.

Rre Sekoto a re kgwetlho e a kopanang le yone ke go tlhoka barotloetsi mme o ne a felela a dira mokgwanto go tswa Masunga go ya Pretoria.

A re o dirile se e le tsela nngwe ya go kgobokanya madi go feleletsa kolotsana le go godisa kgwebo.

Le fa go ntse jalo, a re o santse a sokola ka go bona barotloetsi mme o leka ka bojotlhe go kopa thotloetso mo Batswaneng le dikgwebo.

A re Batswana ba ne ba mo rotloetsa ka madi mme keletso ke go oketsa madi a a setseng a na le one gore a kgone go fetsa kolotsana.

A re o tlaa tswelela ka go dira megwanto e le tsela nngwe ya go leka go batla barotloetsi le go bontsha Batswana bokgoni jwa gagwe.

Rre Sekoto o rotloeditse banana ka ene go dirisa ditalente tsa bone, a re ba seka ba ipona tsapa mo go se ba se dirang ka go tlaa ba solegela molemo gape ba tsholetsa serodumo sa lefatshe la bone. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Patricia S Bakang

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2017