Breaking News

Ba IHS ba aba ntlwana ya matlakala

12 May 2017

Bana sekole sa ithutelo tsa booki ba abetse kokelwana ya Zoroga ntlwana ya matlakala.  

Fa a buwa ka nako ya kabo ya ntlwana eo, moithuti yo o eteletseng tiro eo pele, Rre Mokwele Mathews a re ba kgonne go fithelela maikaelelo a bone a go agela kokelwana ya motse wa Zoroga ntlwana ya matlakala ka thuso ya boithaopi jwa banni ba motse.

O tlhalositse fa ba ne ba tlamega go aga ntlwana eo, ka bontsi jwa banni ba ne ba tshwenngwa ke matlakala a a tswang kokelong a a neng a kganelwa ke terata ya dikago mme bana ba nna ba tshameka ka one.

A re batsadi ba supile fa go se na kwa ba ka latlhelang teng mabotlolo a melemo e ba thusiwang ka yone kwakokelwaneng.

A re gape ba dirile matshwao mo motseng a ‘Se gase gase matlakala’, e le go supa fa banni ba tshwanetse go latlhela matlakala kwa go tswanetseng teng.

A re se se tlaa dira gore matlakala otlhe a a tswang mo kokelwaneng, e bong didirisiwa tsa mo teng kana sepe fela se tswele kwa ntle ga kokelwana ka di ka nna borai mo bathong.

O tlhalositse fa ntlwana e, e tlaa kganela gore banni ba Zoroga ba tsenwe ke malwetse ntlheng ya matlakala a didirisiwa tsa kokelwana.

O rotloetsa banni go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe ka e le yone fela tsela e e ka ba thusang go itsa go tsenwa ke malwetse. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Kabo ya Ntlwana

Date : 12 May 2017