Ba Ditsweletse ba ipelela megaka
12 May 2017
Mothusa Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse kwa Letlhakane, Rre Boiphetso Pelotona o kgothaditse bana ba sekole go tsaya metshameko ka tlhoafalo ka e ka ba direla bokamoso jo bo kgatlhisang.
Rre Pelotona o ne a afa kgothatso kwa moletlong wa go amogela mogaka wa bone, Kerapetse Lesogo yo o dingwga di lesome le botlhano yo o tsereng maemo a bobedi a ikgapela solofera mo go tloleng kwa dikgaisanyong tsa
Confederation of Southern African School Sports Association COSASSA kwa Zimbabwe bosheng.
A re Kerapetse o ne a gaisana le balekane ba gagwe go tswa Nambia, Malawi, Zambia gammogo le batshegetsi ba metshameko, Zimbabawe.
Rre Pelotona a re go tshwanetse gore ba ipelele Kerapetse ka a sale mmotlana mme go supafala fa go betlwa mogaka yo o tlaa emelang lefatshe leno kwa mafatsheng mo nakong e e tlang.
A re e le ba Ditsweletse ba akgola Kerapetse go bo a tlotlomaditse sekole sa bone, kgaolo ya Boteti le lefatshe la Botswana.
Rre Pelotona o ne gape a akgola Oratile Tsietsano, moithuti wa dingwaga tse di lesome le boraro, wa sekole se sebotlana sa Supang gone kwa Letlhakane yo o gapileng gouta mo motshamekong wa segai e ntse e le kwa dikgaisanyong tsa COSASSA a supa fa maiteko a a tlotlomaditse Botswana.
Yo mongwe moithuti yo o dirileng bontle ke Batani Gaborone, wa sekole se segolwane sa Matopi yo o gapileng solofera mo motshamekong wa discus.
Rre Pelotona o lebogile barutabana ba ba katisang Kerapetse a re ba dira tiro e tona e bile ba tswelele ba dira jalo go ntsha megaka.
A re metshameko e na le dipoelo di akaretsa go itshetsa, botsogo jo bo siameng le go thibela malwetse, mme a rotloetsa botlhe go itshidila mmele ka dinako tsotlhe.
Mokatisi wa ga Kerapetse e bile e le morutabana wa metshameko, Rre Gaebatiwe Moakofhi a re ba simolotse fela kwa sekoleng sa bone, ba ya dikgaisanyong ka go farologang mme Kerapetse a ntse a fenya.
Rre Moakofhi a re metshameko e tlhoka bopelotelele le lorato ka gore motho ga a kake a fenya fela a sa bereka ka natla.
E rile a tlhalosa maikaelelo a gagwe, Kerapetse a re o batla go ipona a ile dikgaisanyong kwa mafatsheng a tshwana le boLondon a ile go emela Botswana.
A re motsameko ke selo se a se ratang e bile o batla go ipona a godile mo go sone.
Mmaagwe yo o neng a phophoma ka boitumelo, Mme Tapologo Lesogo a re ene o ne a tsaya motlhofo fa ngwana a ntse a tla morago kwa lwapeng a tswa metshamekong mme a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng mo ditalenteng tsa bone fa ba leka go di supa le go nna pelotelele mo go bone.
O bile a kgothatsa bana go nna le tshepho le tumelo mo go tse ba di dirang ga mmogo le go nna le boitshwaro jo bo siameng.
E rile fa a leboga mogolwane wa Ditweletse, Rre Mokgethwa Phitlholo o ne a rotloetsa bana go sala morago ditalente tsa bone, a tlhalosa gore maitseo ke one konokono a a ka ba kgontshang go tswelela.
Rre Phitlholo a re metshameko e molemo mme batho ba e tsaya motlhofo e bile ba a e nyatsa, se se dire gore bana ba seka ba ya gope ka ditalente tsa bone. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlong wa go amogela mogaka
Date : 12 May 2017






