Emisang go kgotlela tikologo - Baatweng
12 May 2017
Banni ba kgotla ya Bokaa mo Mahalapye ba kopilwe go emisa go latlhela metseto e e dirisitsweng gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka nna diphatsa mo matshelong a setshaba gammogo le mo loruong.
Kopo e e dirilwe ke modulaseilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya BOXHOMO, Rre Orelebile Baatweng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba khamphani e e thapilweng ke puso go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye.
Rre Baatweng o kgadile ka tshakgalo batho ba go bolelwang ba latlhela metseto mo diphaephing tse di gokelwang go phatlalatsa metsi.
A re metseto e ka bakela batho malwetse a tshwana le letshololo le mogare wa HIV gammogo le go tsenya dikgomo bolwetse jwa mabele jo gantsi bo bakwang ke leswe la setho.
O tlhalositse fa go latlhwa ga metseto e le kgang e e tlhokisang baeteledipele ba lefatshe leno boroko le ntswa ba lephata la botsogo ba tsweletse ka go ruta batho ka tiriso ya metseto eo.
E rile Rre Mofita Sekgweng le Rre Gasone Lesonya ba buisa phuthego eo, ba tlhalosetsa banni ba Bokaa fa khamphani ya Machaena e e neng e thapetswe go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye e wetsa tiro kgwedi eno e ya fifing.
Ba re e re ka tiro ya bone e ya bokhutlong, ba bone go le maleba go tlhalosetsa setshaba gore ba malwapa a bone a ka tswang a amilwe ke tiro eo, mme ba sa phimolwa keledi ba ikopanye le bone pele ga khamphani e huduga.
Borre Sekgweng le Lesonya ba tlhalositse fa batho bangwe matlo a bone a ka tswa a ranyegile ntateng ya go dirisiwa ga ditalameiti tse di thuntshang maje e bile batho bangwe ba ka tswa ba senyegetswe ke makotswana a a ageletseng digotlo gammogo le go senyega ga diterata.
Ba re botlhe ba malwapa a bone a ka tswang a amegile, mme ba sa atswiwa ka sepe, ba ikgolaganye le bone mo megaleng ya 76260215 kana 71693030 gore ba neelwe tshwanelo ya bone.
Ba tlhalosa fa maikaelelo a bone jaanong e le go phepafatsa Mahalapye le go baakanya dipompo tse di dutlang gore e re ba tsamaya sengwe le sengwe se bo se boetseng mo mannong.
Mo phuthegong eo Kgosi David Rathibapana o ne a kgalela morafe go tlhoka go tsena diphuthego ka bontsi ntswa e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse mo go tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 12 May 2017






