Breaking News

Lore lo ojwa lo sale metsi - Keitirang

12 May 2017

Mookamedi wa sekole sa bananyana sa United Kids, Mme Modiri Keitirang a re maikaelelo a gagwe a go simolodisa sekole sa bananyana kwa Moiyabana ke go bo a ne a batla go alosa bana ba sekole sa motse wa gagwe ka bontsi ka e bile go ne go se na sekole sa bananyana kwa motseng oo.

Monana yo, o buile jaana mo potsolong, a tlhalosa fa sekole sa gagwe se simolotse ngogola ka Hirikgong.

Mme Keitirang a re o simolotse a thapilwe e le morutabana, ya re fa go ntse go tsweletse mme yo a neng a mo thapile a bo a tswala sekole.

A bona seo e le monyetla wa go ka tsweledisa ka go ne go na le ba ba kgatlhilweng ke sekole seo.

A re go ne go se motlhofo go simolodisa sekole ka a ne a se na madi a a ka simololang kgwebo, mme kgaitsadie a mo thusa ka P8 000 mme se sa mo fa moko wa go bona gore o tlatsa madi a jang, a ya go kopa madi kwa lephateng la banana mme ka lesego kopo ya gagwe ya atlega.

Monana yo a re o setse a thapile banana ba le babedi mme o na le bana ba le masome mararo, ba le supa e le ba ba ipaakanyetsang go ya go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang.

Mme Keitirang a re o na le kgwetlho ya gore batsadi ba mo gae ga ba ise ba itse botlhokwa jwa go tsenya ngwana sekole a santse a le monnye, a re bangwe ba bone ba akanya gore go tsenya ngwana sekole a le monnye ke go tshamekisa madi.

Monana yo a re banana ba tshwanetse go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana ka gore ngwana yo o o akotseng thuto a santse a le mmotlana o nna botlhale, gape go nna motlhofo go tshwara ka pele ka gore tlhaloganyo ya gagwe e a bo e santse e le metsi  a supa gape gore e a re a ya go ipaakanyetsa lokwalo lwa ntlha a seke a tsenye dingalo ka go mo ruta dilo tse dingwe ka gore o a bo a setse a di itse.

O rotloeditse batsadi go kgathala ka tiro ya bana ya sekole, a re ga ba a tshwanela go nna fela ba bo ba re ka gore ngwana o santse a tsena sekole sa bananyana ga go na mosola wa go ya go bona tiro ya gagwe a akanya gore ga ba dire sepe kwa sekoleng.

A re sekole sa bananyana ke sone motheo wa bana.

O bile a kopa puso  go ba neela bana ba batlhoki gore ba ba suge gore le bone ba akole thuto jaaka bana ba bangwe.

A re kgwetlho e nngwe ke letlhoko la morutabana, a supa fa a sale a batlile morutabana mme le mo nakong ya gompieno a ise a mmone.

A re se se padisiwa ke gore o kwa kgaolong gape bontsi bo batla dikole tsa puso.

O kaile fa yo a nang le ene e le yo o sa dirang dithuto tsa borutabana, Mme Keitirang a re go na le batsadi bangwe ba ba saletseng kwa morago ka dituelo, selo se se dirang gore ditiro tse dingwe di salele kwa morago jaaka go rekela bana didirisiwa.

O lebogile ofisi ya boipelogo go bo e mo thusitse ka go mo fa dikgakololo, a ba a leboga le ba lephata la banana go bo ba mo thusitse ka madi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : MOIYABANA

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2017