Breaking News

Ba Suping ga ba dumalane le tshwetso ya kabo ditsha

12 May 2017

Banni ba kgaolwana ya Suping mo Molepolole ba re ga ba dumalane le tshwetso e e tserweng ke lekgotla la kabo ditsha la Molepolole ka go baya setsha sa mabitla mo motseng wa bone go sena morero.

Banni ba ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgari III kwa motseng oo ka Labobedi.

E ne e rile go le pele Kgosi Kgari a bolelela morafe fa a tsile go utlwa matshwenyego a bone morago ga gore lekgotla la kabo ditsha le bone setsha se go ka bewang mabitla mo go sone.

Se se tla morago ga gore mabitla a a ntseng a dirisiwa a Masu A Ditshwene a tlale.

O ba tlhaloseditse gore o tsile go utlwa gore ba foseditswe go le kae, le go bona ka fa matshwenyego a bone a ka rarabololwang ka teng.

Kgosi o ne a ba tlhalosetsa fa go ya kwa motseng wa bone ke ba lekgotla la kabod itsha,ba ne ba leka go araba selelo sa bone e le ba bogosi, ka go ne ga nna le kopo ya gore mabitla a a ntseng a dirisiwa a Masu A Ditshwene a tletse.

Mo phutegong eo, banni ba ne ba bolelela kgosikgolo fa ba gakgamaditswe ke go utlwa ka go bewa ga setsha sa mabitla mo motseng wa bone mo seromamoweng ke lekgotla la kabo ditsha, ntswa go se na morero ope o o dirilweng le bone.

Ba bile ba tlhalosa fa ba hakgamaditswe ke go bewa ga mabitla ntswa ba solofetse ditlhabololo le gone ba se na ditsha tsa bonno, ba supa fa bana ba bone ba santse ba nna le bone mo malwapeng.

Fa ba tswa la bone, Rre Magwasi Mothusiotsile le Mme Serwalo Setshwantsho ba tlhalositse fa e le bangwe ba masimo a bone a tserweng.

Ba supile fa ba hakgamaditswe ke go bona ba kabo ditsha ba lekanya selekanyo sa masimo a bone ntswa ba ba boleletse gore ba ka nama ba santse ba lema mo go one, e tlaa re fa ba simolola tiro ba ba bolelele .

Rre Simon Gaopatwe a re ka 2008 ba ne ba tseelwa masimo ka tsholofetso ya gore batsisediwa ditlhabololo, nako kgolo ke eno.

Mme Keitseope Motlhala a re ga ba ise ba ke ba rerisiwe ka mabitla.

A re mo phuthegong e ba neng ba na le ba kabo ditsha ba ba tlhaloseditse gore e tlaa re fa ba simoloa go aba lefatshe ba simolole ka go abela bana ba bone pele, mme le gompieno ga go na tema epe e e tswang.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgari o solofeditse banni ba Suping fa a tlaa ikopanya le bodiredi jwa kabo ditsha ka dingwe tsa dingongora tsa bone.

Fa a itebaganya le mangwe a matshwenyego a bone, Kgosi Kgari a re o dumela gore fa peo ya ditsha e ne e tsamaile sentle, go ka bo go se na ngongora ka peo ya mabitla.

Ka letlhoko la ditlhabololo mo motseng, Kgosi Kgari o ba tlhaloseditse fa puso e na le maphata a mantsi jaaka dikhansele tse tsone di lebaganweng ke go aga dikokelwana le tse dingwe.

O ne a ba gakolola gore ba ka rolela makhanselara gore dikgang tsa bone di tle di salwe morago.

Kgosi Mothuseng Mathwanye o ne a gakolola gore ka tsamaiso ya Setswana, batho fa ba tsena mo motseng ba tshwanetse ba kopana le boeteledi pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : SUPING

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 May 2017