Ba Palapye ba farologana ka megopolo
10 May 2017
Bogogi jwa Palapye, jo bo akaretsang dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, dikgosi, makhanselera le mopalamente bo ne bo kopane go konetelela tumalano ya gore go ya go dirisiwa jang madi a ditlhabololo a a abetsweng kgaolo.
Mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente go tla go wetsa ditumalano kwa kgotleng kgolo ya Palapye bosheng, go ne ga supega fa bangwe ba bagogi ba sa dumalane le tshwetso e e tserweng ya ntlha ya gore sephatlo P10 million yoo se reke didirisiwa tsa ditsela, fa se sengwe se ka dirisediwa go aga ditsela ka ditena.
E rile a ala kgang ya gagwe, Mopalamente Moiseraele Goya a tlhalosa fa a tsile go rurifatsa se ba se dumalaneng mo kgotleng gore tiro e tswelele, mme a gakolola gore go ne ga dumalanwa gore go rekwe dikatakata tse pedi, diJCB tse pedi, bomatipane ba le babedi le rolara, tse di ka kgontshang gore ditsela di dirwe motlhofo.
O ne gape a ba gakolola gore ba dumalane le khansele go ba thusa go reka didirisiwa tseo kwa madirelong ba dirisa mothale wa khansele go fefosa theko.
Mo puong ya gagwe o ne a supa fa go ne ga nna le phuthego kwa ntlong lefalafala ya Palaye kwa bangwe ba bagogi ba neng ba fetogela tumalano ya morafe, mme ba supa fa madi ao a ka dirisiwa go aga ditsela fela otlhe go sa rekwe didirisiwa tsa tsela.
Seo se ne sa mo tsenya tsebetsebe mme a bitsa bokopano jo go tla go tlhaloganya se se dirileng diphetogo tseo, mme a tlhalosa fa go se na sepe se se ka dirwang kwa ntle ga tumalano ya gagwe, jaaka go tlhalositswe mo dikaeding tsa tiriso madi a dikgaolo.
Mopalamente o ne a gadima mokwaledi wa khansle-potlana ya Palapye, a batla go itse se se dirileng diphetogo tseo le gore a ba na le didirisiwa mo nakong eno tse di ka dirang ditsela tsa kgaolo.
Mokwaledi o ne a supa fa tse di teng di senyegile.
Mo dikakgelong bontsi bo ne jwa supa fa bo santse bo eme ka tshwetso ya ntlha ya gore go rekwe didirisiwa tsa tsela go bo go bopelwe ditsela ka ditena, fa bangwe ba makhanselara ba ne ba dumalana le kgang ya bobedi ya gore go dirwe ditsela ka madi ao otlhe.
Dikgosi tsa kgotla e tona, Rre Michael Maforaga le Rre Keetla Masogo ba ne ba leka go tlhalosa tsamaiso ya madi a kgaolo, ba supa fa morafe e le one o nang le tshwanelo ya go tsaya ditshwetso ka one, fa khansele yone e ka fa bogakolodi fela jwa boitseanape.
Kgosi Maforaga o ne a re, ‘fa ngwana a lelela logodu o le mo nee,’ a buisiwa seo ke go bona bangwe ba makhanselara ba supa fa dikeletso tsa bone di tla pele ga morafe o o ba romileng.
Mafoko ao a ne a gatelelwa ke mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lucky Maoto, a supa fa bone e le bagakolodi fela ba ba ka thusang ka ditsamaiso le boitseanape.
O ne a tlhalosa fa bokopano jo bo neng bo le kwa ntlong lehalahala e ne e le jwa go tla go tsibosa bogogi ka mealo ya ditsela jaaka go ne go kopilwe.
Makhanselera, Mme Elizabeth Gabathuse le Mme Tebogo Apei ba ne ba leka go reba bakaulengwe ka bone ka go tlhalosa fa ditumalano tsa morafe di le botlhokwa.
Fa a leboga modulasetilo wa komiti ya SHHA Rre Molefhane Tseledikae o ne a supa fa ba amogela se morafe o se dumalaneng, a gatelela gore tiro e tswelele, ene le komiti e nngwe ya gagwe ya PLC ba tlaa thusa fa go tlhokegang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 May 2017






