Kgosi o rotloetsa borre go tsaya boikarabelo
10 May 2017
Kgosi wa Mokoswana mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Kgosi Dipetso Ketlogetswe o kgothaditse borre go nna le boikarabelo jwa go etelela malwapa pele.
Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA kwa Mokoswana bosheng.
O ne a tlhalosa gore rre yo o tlhwatlhwa yo o batlang go tshedisa ba lelwapa la gagwe sentle, o dira dipatlisiso pele ga a tsaya ditshwetso mo lelwapeng la gagwe.
O ne a tlatsa ka go re ka dinako tsotlhe o tshwanetse go tswa ka ditsela tse di ka agang bokamoso jwa ba lelwapa.
A re tsamaiso ke gore rre a tshele a na le mosadi yo o mo nyetseng ka fa molaong, a tlatsa ka go re rre o tshwanetse go nna le morero le mosadi le bana gore lelwapa le tle le nonofe.
A re lelwapa la tsamaiso e ntle le godisa bana ba ba nang le boirakabelo, gape bana ba teng ga ba ke ba tlhabisa batsadi ba bone ditlhong mo matlhong a setshaba.
A re rre yo o nang le boikarabelo ka lelwapa o tshwanetse go nna sekao ka go tshegetsa sephiri sa lelwapa la gagwe.
“Rre o tshwanetse go ruta bana le mosadi ka tse di botlhokwa mo matshelong a bone jaaka tlhokomelo ya dithoto,” a tlhalosa.
A re ka dinako di fetogile, rre o tshwanetse go thusa mosadi ditiro tsa lelwapa jaaka tsa kapei, go isa bana kokelong, go tlhapisa bana le tse dingwe.
A re selo sa konokono mo go rre yo o nang le boikarabelo ke go tshedisa ba lelwapa kwa ntle ga kgatelelo kana kgokgontsho.
A re lelwapa le le aperweng ke kgokgontsho le tshelela mo bohutsaneng gape le felela le thubega.
Kgosi a re go thubega ga malwapa ke kgwetlho mo lefatsheng leno, ka jalo go mo maruding a setshaba go bereka mmogo go ruta batho botlhokwa jwa lelwapa.
Kgosi a re banana gompieno ba nna mmogo ba sa nyalana ba re ba fokotsa ditshenyegelo, a tlatsa ka go re seo ke go ikepela lemena.
“Botsalano jwa tlhakanelo dithoto ya batho ba sa nyalana mme ba nna mmogo jaaka monna le mosadi ga bo a siama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannnes
Location : MOKOSWANA
Event : Potsolotso
Date : 10 May 2017






