Breaking News

Go aba go supa lorato le kutlwelobotlhoko

10 May 2017

Go abela ba ba tlhokileng lesego go ba fa tsholofelo.

Seo se boletswe ka Matlhatso ke mmalekgotla kwa Morwamosu, Mme Xopane Tamamasi jaaka ba lekoko la thapelo la Morwamosu Enlightened Christian Gathering ba ne ba abela lelwapa lengwe dimpho di akaretsa dikobo, melora le dijo.

Mme Tamamasi o tlhalositse fa thulaganyo eo ya go aba supa lorato e bile e supa fa seabe sa kereke se bonala mo go thuseng ba ba tlhokang.

Moemedi wa lekoko leo, Mme Mareledi Ramarinyana o tlhalositse fa letsatsi leo ba kgobokantswe ke tumelo le lorato ba le ka fa tlase ga Kereke ya Jwaneng mme ba ile ba ipopa setlhopha ba bona go le botlhokwa go tshidisa ba bangwe ka e le moono wa ga Tautona go rotloetsa le go abela ba bangwe.

Mme Ramarinyana o boletse fa Baebele mo go Mataeyo 25:37 e rotloetsa go thusana mme a re puso le yone e rotloetsa go thusa ka dinako tsotlhe gore ba bangwe ba seka ba wela mo isong.

A re barapedi ke bone lesedi mme ba dirisa Mataeyo 5:13 ka go supa lesedi ba bonesetsa ba ba sa kgoneng go itirela.

Fa a tswa la gagwe, Apostle Nkaro wa kereke ya Jwaneng Enlightened Christian Gathering, o boletse fa go le molemo go bo bana ba Modimo ba kopana go otlolola letsogo go thusa, a re seo ke tshegofatso.

Apostle Nkaro o tlhalositse fa moeteledipele wa kereke eo, Prophet Bushiri a rotloetsa botlhe go supa lorato mo go ba bangwe gammogo le go thusa ba ba tlhokang ka dinako tsotlhe.

A re Morena Jesu o rata botlhe mme ke tshwanelo gore batho le bone ba ratane.

A re moono wa go neela o supa lorato mme Botswana ke lefatshe le le segofetseng ka babusi ba pele ba le agetse mo Modimong le ka thapelo.

O ne a tlatsa ka go re mo malatsing a bofelo go botlhokwa gore  kereke e rere Jesu e seng go rera dikereke.

O gwetlhile botlhe go supa lorato le bopelotlhomogi le go kgathala ka ba ba tlhokang, a re moono wa kereke ke go tswelela ba thusa jaaka ka paseka kereke e ne ya abela bagodi ba kerere dikobo le ditlhatleo di akaretsa mashi, sukiri le matlhare a tee ka seo gape e le tsela ya go golola ba ba tlamilweng ke Saatane ka lehuma.

Fa a amogela dimpho le bana ba gagwe, Mme Otlogetse Lerumo o boletse fa dimpho tseo di tlaa thusa bana ba gagwe.

Mme Lerumo a re ba kereke ba diretse ba lelwapa la gagwe se segolo mme ba tswelele ka mowa o montle wa go thusa ba ba se nang le fa e le sepe.

O ne a wetsa ka go re dimpho tseo di tsisitse boitumelo le tsholofelo.

Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Lulu Tshosa o boletse fa e le ruri Morwamosu a segofetse mo letsatsig leo.

A re ke mpho e kgolo gore lekoko leo le bo le ne la gopola go thusa ba lelwapa leo ka ba ne ba tlhoka thuso.

Mme Tshosa o tlhalositse fa Tebelopele ya 2016 e ne e rotloetsa bopelotlhomogi jo bo tsweletseng bo supafala fa kereke e tsenya letsogo go thusa.

O ne a tlatsa ka go re seo ke mpho e kgolo mo go ba lelwapa leo ebile ba segofetse go abelwa ke kereke dimpho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MORWAMOSU

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 10 May 2017