Ntebele o kgothatsa banana go tsaya mananeo
10 May 2017
Banana bangwe ba inaakantse le mananeo a puso ka go farologana go inamola leuba.
Mongwe wa banana ba ba filweng madi a banana, Mme Oakantse Ntebele o rotloeditse banana go tsaya mananeo a puso go inamola leuba gammogo le go lwantshana le seemo sa letlhoko la ditiro se se ileng magoletsa.
A re mananeo a a mosola ka a ipereka e bile a hirile banana ka ene, mme seo se mo tiisitse moko mo kgwebong.
E rile a bua mo potsolosong le BOPA, Mme Ntebele yo o dingwaga di masome mararo le bone a re o filwe P98 000 go bula madirelo a moriri ka 2013 mme a a bitsa OAK’s Hair Salon.
O tlhalositse gore o tswa kgakala le tiro ya go loga ka a sale a e simolotse a le mmotlana a loga ba masika mme erile a se na go fetsa lokwalo la botlhano a bereka mo madirelong a moriri.
A re morago ga go lemoga gore o na le botsipa a ya go ikoketsa ka go dira dithuto tsa National Craft Certificate in Hairdressing kwa Ramatea Brigade ka 2006, mme ya re morago a ipulela madirelo a moriri ka madi a gagwe go fitlhela a tsaya madi a banana go atolosa kgwebo.
Mme Ntebele o tlhalositse gore kgwebo e tsamaya sentle, ka a kgona go duela madi a go hirisa, go duela babereki ka bobedi gammogo le go bona dipoelo tse a itshetsang ka tsone.
“Ke thusa bareki ba me ka lorato, ke le pelotelele e bile ke itlamile go dira se ba se batlang ka bonatla go ba kgotsofatsa gore ba nne ba boele kwa madirelong a me kgapetsakgapetsa. Gape fa ke ba logile bontle ke ipapatso e e nang le maduo,” ga tlhalosa Ntebele.
O tlhalosa gore fa o le mologi o tshwanetse wa loga o tlhaloganya sentle gore moreki o batlang go na le go mo dira se wena o le mologi o se batlang.
A re seo ke sesupo sa gore o kgathala ka maikutlo a bone e bile ke boikarabelo jwa go ba kgotsofatsa.
A re ntswa kgwebo e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone jaaka kgaisanyo e ntsi ka gore madirelo a moriri a mantsi.
A re kgwetlho e nngwe ke gore balogi ba ba logang ka fa tlase ga ditlhare ba loga ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme seo se mmeye ka fa mosing, bogolo jang ka gore o hirisitse.
Mme Ntebele a re kgwetlho e nngwe ke gore mariga batho ba loga melogo e e tsayang lobaka go fenya serame mme seo se ise kgwebo kwa tlase.
O boletse gore maikaelelo a gagwe ke go wetsa sekoloto sa madi a kadimo gore a tle a kgone go atolosa kgwebo sentle.
A re keletso ke go direla mo setsheng se e leng sa gagwe sa kgwebo gammogo le go atolosa madirelo ao ka go tsenya ditlamelo dingwe.
O weditse ka go leboga lephata la banana go bo le mo fa dikgakololo.
A re seo se mo tiisa moko go tswelela a kopa dithuso mo go bone fa a na le mathata mangwe a a ka tlhokang bogakolodi jwa bone.
A re lephata la banana gape le mo thusitse gore a nne le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo jaaka go na le buka ya dipoelo le ditshenyegelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 10 May 2017






