Breaking News

Ba Kanye ba leboga Tautona

10 May 2017

Banni ba Kanye ba lebogile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a dirile mananeo a a farologaneng go tlhabolola matshelo a bone le go ba ntsha mo lehumeng la nta e tshetlha.
Fa ba bua mo potsolotsong le BOPA, ba boletse fa Ipelegeng e fetola matshelo a bone e bile e ba ogola mo isong.  
Ba re fa e sale Tautona Khama a tsena mo pusong o tsile ka mananeo a a supang fa e le moeteledipele yo o kgathalang.

Rre Rabotakwe Mogajane wa kgotla ya Kgwatlheng o buile ka tiro e ntle e Tautona a e dirang go fetola matshelo a Batswana.

Rre Mogajane, yo o dingwaga di masome marataro le borobabongwe, a re le ntswa e le mogodi, Ipelegeng e a mo thusa ka dikatso tsa yone a kgona go itirela ka tsone. 

Go fitlha jaana o setse a kgonne go ithekela  dihutshane.

A re Ipelegeng e siame ka e berekwa ke mongwe le mongwe, monana le mogolo, a tlhalosa fa tiro ya teng e se bokete.

O ne gape a akgola Tautona go bo a okeditse dikatso tsa Ipelegeng.

Fa a latlhela la gagwe, Mme Boemo Makgabenyana o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le le siameng ka go simololwa go berekwa phakela  mme go tshaisiwe ka nako ya bongwe motshegare.

Mme Makgabenyana, wa kgotla yoo Segwetshane, yo e bileng e le monana, o tlhalositse fa Ipelegeng e le mosola thata ebile e thusa Batswana ka bontsi.

A re le ntswa dikatso tsa teng di se kaekae, mme lemmenyana leo le kgona go mo tlodisa melapo e tletse.

O boletse fa a kgona go ithekela dijo e bile a ikgabisa ka lemme la Ipelegeng.

A re o rotloetsa Batswana go dirisa mananeo a puso go itshetsa.

Mme Makgabenyana  a re go na le mananeo a tshwana le la Tirelo Setshaba, a nyeletso lehuma a tshwana le go rua dihutshane, go rua dikoko, go apaya borotho, go dira meriri magareng ga a mangwe.

Mme Masego Nokwane yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgaolong ya Kgosing o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le lentle thata e bile le tlhabolola matshelo a batho ka bontsi.

A re babereki mo kgaolong ya gagwe ba bereka ka botswapelo le botswerere. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 May 2017