Bakgatla ba lebogela kokelo
10 May 2017
Morafe wa Bakgatla o lebogetse dikago tsa kokelo le diofisi tsa sepodisi tse di agwang mo kgaolong ya bone.
Ba supile boitumelo joo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole ka Labobedi.
Ba tlhalositse fa seo e le ditlhabololo tse ba sa bolong go di emela, ba supa fa kokelo e ba ntseng ba e dirisa ya Deborah Retief Memorial e le kgologolo.
Ba ne gape ba leboga mopalamente ka go ba lekodisa ka dikgang tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng.
Le fa go ntse jalo ba ne ba supa matshwenyego ka khansele ya Kgatleng, ba tlhalosa fa ba sa bone dithuso tse di maleba kwa diofising.
Mongwe wa banni, Mme Thapelo Pilane o ne a tlhalosa fa a lemogile fa dingwe tsa ditlhabololo di saletse morago mo kgaolong ka ntlha ya gore bangwe ba baeteledipele ba kgaolo ga ba tsenelele le fa e le tsone diphuthego tsa ga mopalamente.
Rre Sekete Ntshole ene o ne a supa fa dithendara kwa khanseleng di fiwa dikhamphani tse dingwefela dinako tsotlhe, a kaya fa seo se ba baya ka fa mosing e le banana ba kgaolo.
Rre Kondolo Lebekwe ene o ne a gore balwetse ba kgona go tsaya dikgwedi ba emetse go bonwa ke ngaka le ntswa ba botsogo ba bona gore ba gateletswe.
Kgosana Phefo ene o ne a kopa mopalamente gore dikgosana di fiwe dikatso fa di tlogela tiro e le tsela ya gore di kgone go itshetsa.
O bile a lela ka go re le P10 millon yo o filweng dikgaolwana ga ba ise ba bolelelwe sepe ka one.
E ne ya re go le pele fa a ba lekodisa ka melao e e fetisitsweng ke palamente, Rre Mangole a tlhalosa fa molao wa boagedi o fetogile, a supa fa lantlha motswakwa a ne a nna dingwaga di le some pele ga a ka letlelelwa go tsaya boagedi.
A re seo se fetogile ba lebeletse gore bangwe ba batswakwa ba tla e le babeeletsi le bagwebi mme ba lemoga fa dingwaga tse some di dira gore bangwe ba felele ba boetse kwa mafatsheng a bone ka dikgwebo tsa bone.
O boletse fa jaanong tona wa lephata leo a filwe dithata tsa go fa mogwebi yo ba bonang gore o tsile go tlhamela batho ditiro boagedi go sa kgathalesege gore o setse a nnile dingwaga di le kae.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Mangole o ne a kopa morafe gore bontlha bongwe jwa P10 million bo ka dirisiwe go tlhabolola kgotla ya bone gore e lebege.
A re dingwaga di setse di fetile di le dintsi kgotla eo e sa agwa.
E ne ya re a ama dikgang tsa khansele, mokhanselara wa Ntshinoge, Rre Thabo Komane a bolela fa P10 million a filwe khansele go mo tsamaisa mme a ise a tsene mo letloleng la khansele.
O ne a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo ba ne ba kopana e le boeteledipele jwa kgaolo go bona gore ba tlaa dira eng ka one.
Mokhanselara Komane o boletse fa ba ne ba dumalana gore madi ao ba tle ba a kgaogane ka dikgaolwana tsa bone tse di lesome le bobedi go bona gore ba ka tlhabolola eng ba lebile botlhoki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 May 2017






