Breaking News

Ngaka ya setso e sekela letlalo la motlhosi le motokwane

09 May 2017

Ngaka ya setso ya dingwaga tse di masome a supa le bosupa yo o tlholegang kwa Kanye o itshupile fa pele ga le kgotla la ditsheko la Kanye bosheng mabapi le molato wa go fitlhelwa ka motokwane le letlalo la motlhosi.
Mmakaseterata Daniel Nkau a re e rile Mopitlo a tlhola letsatsi  monongwaga mapodisi a Sejelo ba fitlhela Rre Maitlamo ka motokwane wa bokete jwa 3.9g le letlalo la motlhosi ntle le teseletso ya molao.
Mmakaseterata Nkau o ne a tlhalosa fa e le molato go fitlhelwa ka letlalo la phologolo e e ka fa tlase ga tlhokomelo ya ba lephata la diphologolo gammogo le go fitlhelwa ka motokwane.


O boletse fa ngaka ya setso jaaka motho mongwe le mongwe e tlhokana le teseletso e e ka fa molaong.
Go ya ka motlhotlhomisi wa kgang, Inspector Goitsemang Sekgabo, ditlhotlhomiso di wetse, go setse fela gore ba botlhotlhomisi ba neele mmelaelwa dipampiri tsa botlhotlhomisi.  
E re dikgang di eme jalo, mmelaelwa ga a a ipona molato mo melatong yotlhe ka bobedi.


Mmakaseterata o ne a tlhalosa fa mmelaelwa a tlaa letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo mme a tlaa itlama ka sekete sa dipula.    
Mmelaelwa, yo o neng a itshupa e le lantlha fa pele ga lekgotla, o laetswe go iponatsa gape kwa lekgotleng Ngwanaatsele a tlhola ga rataro kwa go tlaa netefadiwang letsatsi la tsheko e kgotla e setseng e le beetse Tlhakole e le lesome le boferabongwe ngwaga o o tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Baalafeng

Location : KANYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 May 2017