Magosi a rotloetsa kagiso fa gare ga balemi le barui
09 May 2017
Go le gantsi letsema le tsala dikgotlhang magareng ga balemi le barui.
Mo letlhakoreng le nngwe balemi ba ngongoregela gore leruo le ba jela dijalo fa mo go le lengwe barui ba re balemi ga ba agelele masimo.
Le fa go ntse jalo, kwa bofelong mongwe ene o a bo a senyeditswe mme e bile a batla tuelo mme gantsi balemi ba felela ba ikgapela bontlha bongwe jwa leruo go ituelela tshenyo kana go iphimola keledi.
Fa se se diragetse potso e nna gore a mme go ka fa molaong go ikgapela jalo le gone a tota a fa gongwe mongongoregi o a bo a sa gobelela morui.
Go latedisa dikgang tse, BOPA e ne ya buisana le bogosi jwa metse e e dikologileng toropo ya Francistown go utlwa gore fa se se diregile ba rarabolola dikgang jang.
Kgosi Simon Nkageng wa Tati Siding a re ene mo motseng wa gagwe balemi ba rotloediwa go tlhatlhela leruo le le ba senyeditseng e le bosupi jwa gore ke boammaaruri ke lone le sentseng.
A re go tswa foo, tsamaiso e nna gore mongongoregi a bitse morui go tla go bona tshenyo mme ba dumalane gore ba duelana jang.
Kgosi Nkgageng a re fa boo-babedi ba palalane go duelana kgang e isiwa kwa kgosaneng go leka go tsereganya mme fa e ntse e pala e ya kwa kgotleng e tona, koo go fete go kopiwe thuso ya balemisi.
A re fa kgang e tsere phekelo eo, balemisi ba a meta ba bo ba batlisisa gore selekanyo se se jelweng se ka ntsha thobo e e kae e bile tlhwatlhwa ya thobo eo ke bokae mme kgotla e atlhole e lebile dintlha tse.
Kwa Mathangwane gone, Kgosi Batisane Moeti a re go tswa goo-Lowe balemi ba ntse ba ikgapela fa ba jetswe mme gompieno seo ga se ka fa molaong.
Kgosi Moeti, fela jaaka Kgosi Nkgageng, a re tshwanelo ke gore morui a bidiwe go tla go bona tshenyo, mme bobedi bo dumalane ka tuelo, e e ka nnang madi, mabele kgotsa dinawa kana sepe fela se leruo le tlaa bong le se jele.
A re fa manganga a le teng mongongoregi o ka isa kgang kwa kgosaneng ya tetlanyo go leka go agisanya mme fa kgang e ntse e pala, kgang e jaanong e ya lekgotleng.
A re ka go se motlhofo gore mongongoregi a ka duelwa selekanyo se se sentsweng fa kgang e tsile kwa lekgotleng go lekwa fela gore katlholo e seka ya gobelela mongongoregi le morui.
Sekai ke gore fa gongwe fa mongongoregi a batlile P1 000 e le tuelo kgotla e kgona go atlhola gore a duelwe P700 le gore katlholo e seka ya babalela ope mme e bile e beela morui sebaka sa gore a bo a duetse mo nakong e e kae.
A re fa sebaka se wela go ise go duelwe motho o gapelwa dithoto tse di lekanang le madi a katlholo.
O bile a re fa molemi a ikgapetse loruo a ituela lekgotla le ka sekegela morui tsebe fa a tla go ikuela ka molao o sa letlelele ope go ituela le fa a senyeditswe.
Kgosi Sekgoma Moipolai wa Matsiloje a re bone ba rotloetsa Barolong go buisana ka jaana ba sa tlotla tsheko.
E bile a re ga se gantsi dikgang tsa leruo le le sentseng di tla kwa lekgotleng.
Kgosi Moipolai le ene o gateletse gore ope ga a letlelelwe go ikgapela a re o a ituela.
A re mme fa motho a tla go ngongorega kwa lekgotleng go lebelelwa gore motho o tshwanetse a phimolwa keledi ka a senyeditswe mme gape morui le ene ga a a tshwanela go gatelelwa.
Le ene fela jaaka dikgosi tse dingwe a re kgang e simolola fela kwa kgosaneng ya tetlanyo go fitlhelela e felela kwa go ene.
Mme a re fa e sale a tsena mo bogosing ka 2013 ga go na kgang epe e e kileng ya tla kwa go ene se se bakwa ke gore banni ba Matsiloje ba ne ba welwa ke seru sa tlhako le molomo ka 2011 mme leruo la bone la bolawa lotlhe.
A re le fa go ntse jalo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bogosi bo kile jwa nna jwa ngunanguna kgang ya go senyediwa ga balemi ke leruo ka go lebega mo metseng e mengwe go tshwenya.
Mothusi wa ga Kgosi Moipolai, Kgosi Mothibi Lephalo a re Barolong ba tswa kgakala ba rata kagiso, ka jalo fa gongwe le fa motho a senyeditswe o raya wa ga bone fela a re ‘ga ke go duedise mme mo nakong e e tlang o tlaa duela.”
A re seo e bo e le go ikitse gore kamoso le ene diruiwa tsa gagwe di tlaa bo di senyeditse mongwe.
Mme fela Kgosi Lephalo a re ba bangwe fa motho a senyeditswe dipuo tsa gagwe ga di ke di nna tse di siameng mo go wa loruo le le sentseng.
A re fa gongwe ene morui e nne ene yo o dipuo di sa iketlang mo go yo o senyeditsweng mme a re ka dinako dingwe seo se tlhotlhelediwa ke gore batho ba gompieno ba re ba rutegile e bile ba itse ditshwanelo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : FRANCISTOWN
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 May 2017






