Breaking News

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa dikotsi tsa tsela

09 May 2017

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa kgotla ya Parwe, a neng a tlhokafala fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e thula kholobete le lekotswana la jarata gammogo le setlhare. Sebui sa mapodisi a pharakano mo Mahalapye, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni a re mokgweetsi wa koloi eo o ne a lathegelwa ke taolo, mme koloi ya thula kholobete morago ya thula lekotswana la jarata gammogo le setlhare sa namune se se neng sa kgoreletsa koloi eo go tsena mo teng ga ntlo e e neng e robetse batho.
Rre Sechoni o tlhalositse mo potsolotsong le lekalana la dikgang gore mo kotsing eo, e e diragetseng ka nako ya boraro makuku a Mosupologo, go tlhokafetse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe fa monna mongwe yo go bolelwang e le lepodisi ene a bone dikgobalo tse di masisi.


Le fa ditlhothomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se bakileng kotsi, baboni ba tiragalo eo go balelwa le Mme Kebabiditse Tshabang yo koloi eo e thubileng lekotswana la gagwe, ba re koloi eo ene ya thula kholobete, mme ya tsamaya mo lefaufaung go fithelela e thula lekotswana la jarata, mme morago ya thula setlhare se ba reng se thusitse gore koloi eo e seka ya tsena mo ntlong.


Ka nako ya kgang e e kwalwa serepa se ne se le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa mongwe wa banna bao a santse a alafelwa dikgobalo tse di masisi gone mo kokelong ya Mahalapye.
Mo kgannyeng e nngwe, Assistant Superintendent Sechoni o tlhalosa fa batho ba Zimbabwe ba le masome matlhano le bone ba falotse loso ka bobi jwa segokgo, morago ga gore bese e ba neng ba tsamaya ka yone e kape molelo.
Rre Sechoni o boletse fa kotsi eo e diragetse mo tseleng ya A1 gaufi le Lose Siding ka Matlhatso mo mosong fa batho bao ba ne ba tswa Gaborone ba ya Zimbabwe.
A  re le fa bese eo e shele ya bo ya lora, botlhe ba ne ba falola ba sa bona dikgobalo dipe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 May 2017