Breaking News

Maitseo namane ya moroba - Thokwane

09 May 2017

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kang, Major General Gobuwamang Tlhokwane a re boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng ke tema e e ka ntshang maduo a a eletsegang.
Major General Tlhokwane o ne a bua mo boemong jwa batsadi kwa kalogong ya ithutuntsho ya boitshwaro ya bana ba sekole se segolwane sa Matsha kwa Kang bosheng.
A re motheo wa boitshwaro jo bo siameng ke selo se se botlhokwa thata mo kgolong le ithutuntsho ya bana ba sekole ka e le bone isago ya lefatshe la Botswana.
O ne a supa fa kwa go se nang boitshwaro le maitseo go se na bokamoso.


Fa a afa bopaki o ne kaya fa a le fa a leng teng ka ntlha ya maitshwaro a a molemo.
A re o berekile sesole sa Botswana go feta dingwaga tse di masome mararo, kwa maitshwaro e leng konokono teng.
Major General Tlhokwane o ne a tswelela a supa fa boitshwaro e se thuto ya bana ba sekole fela, ka bo tshwanetse go simologa kwa botsading, bogogi jwa sekole le botlhe ba ba amegang mo kgolong ya ngwana.
Ka jalo o ne a kopa batsadi gore ba seka ba rekisetsa bana sepe fela se se sa siamelang botsogo jaaka bojalwa le motsoko.


Major General Tlhokwane a re fa bogogi, barutabana le bana ba sekole sa Matsha ba ka itshegetsa ka ditshetlana tsa Botho ba ka tsoga ba galalediwa fa e le bone ba ba kileng ba nna le karolo e kgolo mo go fetoleng seemo sa motse le sekole.
“Go nna le neelano le go goga mmogo go botlhokwa thata mo go ntsheng maduo a a ka melediwang mathe ke ba le bantsi,’’ ga bua Major General Tlhokwane.
A re fa letshego lengwe la motse jaaka sekole sa Matsha le sa bereke sentle, le tladika motse otlhe ka mokgwa o o sa siamang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : kaloso ya baithuti

Date : 09 May 2017