Breaking News

Dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe

09 May 2017

Mothusa molaodi mo Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa o gakolotse maphata gore fa ba abela mongwe ba laletse maphata a mangwe gore ba tle go tsaya malebela mo go bone ka seo se ka rothisetsa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato  mo go bone gore mo nakong e e tlang ba otlolole letsogo.
O ne a bua le badirela-puso  bosheng jaaka ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng mo Tsabong ba ne ba abela ngwana wa mo-na-le bogole yo ba tswang kgakala ba ithaopetse go mo tlhokomela dimpho.


Rre Mangwa o ne gape a kopa Batswana ba bangwe go ema nokeng botlhe ba ba abang ka seo se ka thusa gore mpho e e ajwang e ntsifale.
O ne a galaletsa ba lephata leo  ka tiro e ntle e ba e dirileng a ba a ba kgothatsago tswelela ba dira jalo.


Fa a bua maikaelelo a letsatsi, moeteleledipele mo lephateng leo, Rre Obonye Matsiara o ne a tlhalosa fa komiti ya botsgo le boitekanelo mo tirong e sale e simolotse go tlhokomela mosetsanyana Tshidi Tebele yo o dingwaga di lesome le bone ka 2015 ka tshwaragano le ba lekalana la boipelego go tswa mo khanseleng ya Kgalagadi.
Rre Matsiara o boletse fa lephata le ne la araba mokgosi wa ga Tautona wa go kopa maphata ka go farologana le setshaba ka kakaretso go thusa bangwe ka bone ba ba ’kobo dikhutshwane.
Fa a tlhalosa ka loeto lwa bone, Mme Keseabetswe Bojang go tswa mo lephateng leo  o kaile fa ba ne ba buisana mme  ba dumelalana ka mowa o le mongwe go tshwaragana le ba S&CD go ba tlhophela ngwana yo ba ka mo tlhokomelang mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi.


A re ka tlhotlheletso ya mowa wa lorato ba ne ba kgona go ntsha bonnye jo ba nang le jone go tswa mo dipateng tsa bone fa bangwe badiri ka bone ba ne ba ithaopa go ntsha podi, dipitsa tsa segompieno tse ba feletseng ba kokoanya madi ka go dira khupelekhupele e ba kgonneng go kokoanya P 4 170.
Mme Bojang o kaile fa ba ne ba bona fa go le botlhokwa gore ba agelele lelwapa la batsadi ba ga Tshidi,   go aga magotsetso a dikota a setso, e le tsela nngwe ya go tsisa  seriti mo lwapeng leo.
Dimpho tse di abetsweng Mme Tshidi di ne di akaretsa bolao, dikobo, melora le diaparo.


Mme Nkele Tebele yo o tlhokomelang ngwana yoo,  o ne a kaya fa ngwana a tlholegile ka bogole jwa go lwala tlhaloganyo gammogo le bo-tlhoka kutlo le puo.
Mme Tebele o supile fa ba khansele ba thusa ngwana ka dijo tsa kgwedi le kgwedi le gore o tsena sekole  sa dithuto tse di faphegileng kwa sekoleng se sebotlana sa Nhake mo Tsabong.
O ne a kopa puso gore e mo thuse ka go isa ngwana kwa dikoleng tsa ba-na-le bogole tse di ka kgonang go mo ruta go bua ka diatla, a tlhalosa fa go  le bokete go buisana le ene. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Ka bo dimpho

Date : 09 May 2017