Breaking News

WUC e tlaa thusa kwa Kgatleng

08 May 2017

E re ka jaana seemo sa metsi se sa bolo go tshwenya mo dikgaolong tsa Bokaa le metse ya Dinoka mo Kgatleng, koporase ya Water Utilities e ikanne go tsibogela seemo seo le go thusa Batswana gore ba nwe metsi go se na mathata.

E rile a bua mo phuthegong le lekoko la boeteledipele jwa Kgatleng, moeteledipele wa WUC, Rre Mmetla Masire a tlhalosa gore ntswa koporase ya bone e tlhaelelwa ke madi, ba tlaa itebaganya le go tsibogela letlhoko la metsi mo Kgatleng.

Rre Masire o tlhalositse fa ba tlhokana le P10 billion go dira ditiro tsotlhe tsa go phatlalatsa le go busetsa seemo sa metsi mo taolong lefatshe lotlhe kwa ntle ga Selebi Phikwe le Francistown a one a sa ntseng a sena mathata a a kalo a metsi.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa mo bogompienong ba kgonne go isa kopo ya bone kwa bankeng ya ditshaba ba le bone ba neng ba kaya fa ba tlaa ba thusa ka P1.5 billion fela.

Fa a tshwaela mo dikgannyeng tsa Kgatleng, Rre Masire a re dikgang di tshwana le tsa Bokaa tse go bolelwang fa motse otlhe o amilwe ke letlhoko la metsi o ne a sa di itse ka jaana a ne a itse fela fa ditsha tse disha e le tsone di se nang metsi.

O ne a tlhalosa fa tanka ya metsi ya Mabalane e le kgologolo, ka jalo e sa kgone go thusa go nosa morafe metsi sentle mo bogompienong. A re ba itse ka seemo sa yone e bile ba biditse moitseanape go e sekaseka go bona gore a e tlaa kgona go baakanngwa kana go tlhokana le go agwa e ntsha.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la metsi mo Mochudi, Mme Yvonne Mothupi o tlhalositse fa didiba tse nne tsa metse ya dinoka di tlaa tsewa mo go beng ba tsone ka ditumalano go nosa setshaba.

Mme Mothupi a re ba setse ba kgonne go bua le beng ba didiba mme ba setse ba kgonne go tsaya di le pedi fela, a tlasa ka go re ba na le tsholofelo ya go busetsa didiba tseo tsotlhe mo tirosong go nosa metse ya dinoka.

O ne gape a tshwaela fa dikoloi tse di pakang metsi di le pedi fela mo Kgatleng, a kaya fa di emelwa ke tiro ka di siela metse yotlhe ya dinoka le wa Bokaa.

O ne a tswelela ka go itela mo setshabeng a re ba ba nang le dikoloi tse di gang metsi ba ikopanye le lephata la bone ba tsenye ikopelo ya go thusa go nosa metse ya Kgatleng metsi.

Mme Mothupi o ne a tlatsa ka go re ba palelwa ke go dumalana le ba ba nang le dikoloi tse di ka isetsang batho metsi ka ba paralatsa menwana, mme a re tiro ya bone e ne e ka tlhofofadiwa ke go dumalana ka tlhwatlhwa e e lekanetseng.

O ne gape tlhatswa ketsaetsego ya gore WUC e palelwa ke go goga metsi go tswa kwa Molatedi a tlhalosa fa metsi a noka ya Molatedi e le a lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa, ka jalo go tshwanetse ga salwa tsamaiso morago.

E ne e rile go le pele fa a bula bokopano, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a tlhalosa fa seemo sa metsi se tlhoboganya boeteledipele jwa dikgaolo tse di amegileng le morafe mme a kopa gore se tsibogelwe.

Rre Morolong o ne a kaya fa metsi e le konokono ya botshelo mme a re ba tshwenngwa ke go bo go sena metsi kwa Bokaa ntswa go na le  letamo mo motseng oo.

A re letlhoko la metsi segolo thata ka dinako tsa dintsho le manyalo le ngomola pelo ka banni ba patelesega go latela metsi bokgakala kana go hira dikoloi go ba thothela metsi.

O ne gape a tlhalosa fa seemo sa metsi se tswa kgakala mme a re go lebaka se sa tsibogelwe mme a kopa WUC gore ba leke go rarabolola bothata joo ka go dirisa metswedi e e saleng e le teng bogologolo jaaka didiba le e mengwe ya go phatlalatsa metsi. BOPA

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 08 May 2017