Molaodi o lekola Thamaga
08 May 2017
Molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi a re go lekola makhanselara kwa dikgaolwaneng tsa bone go tlaa mo fa sebaka sa go itse matshwenyego a banni.
O buile se morago ga go lekola Thamaga ka Labone le Labotlhano.
Dr Mmusi o boletse fa tsamaiso e ya go lekola makhansela e le ntsha mo ofising ya gagwe mme ka yone ba tlaa tsamaya le dikgaolwana go lekola banni.
A re go lekola dikgaolwana go tsile morago ga go lemoga fa makhanselara a supa dingongora tse di farologaneng fa khansele e tsene mme fa gongwe dilelo tsa bone di tlhoke go arajwa.
E rile fa ba mo kgwa kgaba, makhanselara a Thamaga a supa fa a ngongoregela ditsamaiso dingwe tse di kwa kokelong ya motse oo.
Ba supile fa kokelo eo e sa fe balwetse ba ba robaditsweng dikobo le ntswa e rile bosheng ya abelwa dikobo ke Mopalamente Tshenolo Mabeo, kereke ya United Congregationala Church of Southern Africa le monni mongwe wa Thamaga.
Makhanselara a, a ne a supa fa a sa itumedisiwe ke letlhoko la metsi a a bothitho kwa kokelong eo ntswa lefelo la go thuthafatsa metsi le le teng e bile le bereka.
Ngongora e nngwe e makhanselara a neng a e supa ke ya gore banni bangwe ba rontshitswe tshwanelo ya go tsenya motlakase mo malwapeng ka jaana koporase ya motlakase e boletse fa megala ya motlakase e feta fa godimo ga matlo a bone.
E rile fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa kokelong ya Thamaga, Rre Mpolelang Nyere a supa fa go le nnete kokelo e na le dikobo mme a supa fa tsamaiso e le gore dikobo tseo di tshwaiwe ka letshwao la puso pele ga di ka tsenngwa mo tirisong.
Rre Nyere o boletse fa kokelo e le mo tseleng ya go tshwaya dikobo tseo mme a kaya fa mo kgannyeng e nngwe, ba santse ba tlaa tsenya kopo ya mmereki yo o tlhokomelang lefelo le le thuthafatsang metsi.
A re mo nakong e ba dirisa lefelo leo ka baithaopi mme se se ba bee ka fa mosing fa moithaopi a setse a se na kgatlhego.
Dr Mmusi o ne a kgothatsa ba kokelo go ititaya ka thupa gore ba emele dikgang tse ka dinao gore balwetse ba seka ba bolawa ke serame ka mariaga a setse a gorogile.
E rile morago ga go etela dikgaolo ka go farologana, molaodi a supa fa a tlaa itshwaraganya le ba koporase ya motlakase le maphata a mangwe go tlhomamisa gore Batswana mo kgaolong ba bona dithuso. BOPA
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : Thamaga
Event : Loeto
Date : 08 May 2017






