Breaking News

Ba MOCOL 2001 ba thusa bomonnaabone

08 May 2017

Mogolwane wa sekole sa Moeng College, Rre Sekgele Beleng o kopile setlhopha se se ipopileng sa banana ba ba feditseng sekole ka 2001 go akaretsa baithuti ba pele ba sekole seo, ba mo nakong eno ba atlegileng mo ditirong tse di farologaneng.

O buile jalo ka Matlhatso fa setlhopha sa banana bao, se se bidiwang MOCOL 2001 Charity Association, se ne se abela sekole sa Moeng didirisiwa tsa go tlhapa tse di lopileng P19 650.

A re banana bao ke sekao mme ka jalo ba tshwanetse go ngokela bagolo ba ba tseneng sekole kwa Moeng mo mokgatlhong gore baithuti ba gompieno ba kgone go ithuta mo go bone.

A re ba dirile maiteko a mantsi, a go leka go batla ba ba ka rotloetsang sekole sa bone mo go tsa thuto, ba na le sekao se se maleba jaaka MOCOL 2000, mme maiteko a bone ga a atlege.

Mothusa mokwaledi mo lephateng la thuto ya motheo, Rre Simon Coles o ne a rotloetsa baithuti ba Moeng College go tsenya mashetla mo go se ba se dirang.

A re gore ba fenye dithuto tsa bone, go tswa fela gore ba tsenya mashetla go le kae, mme ga ba kake ba di fenya fela go le motlhofo, ka jalo ba tshwanetse ba nne le kelelelo.

A re baithuti ba malatsi a gompieno ba lebagane le dikgwetlho di tshwana le tsa maranyane, ka jalo ba tshwanetse go itse tse di ba siametseng.

Rre Coles o ne a kopa baithuti go tswa mo ditirong tse di duleng mo tseleng, tse ba itseng fa di ka ba tsenya mo mathateng mme ba itebaganye le dithuto, atlatsa ka go re ba tshwanetse go dira ka natla ka thuto e le yone motheo wa botshelo.

Rre Coles o ne a supa fa go bo ba tsena sekole kwa Moeng e le tshimologo ya gore botshelo jwa bone bo ya kae, mme go le mo magetleng a bone go bona gore ba bo isa kae.

Modulasetilo wa setlhopha sa MOCOL 2001, Rre Kitsiso Sentle o ne a bolela fa maikaelelo a bone e le go thusa bana ba sekole seo mo go tse ba di tlhokang gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong.

A re ka ba ne ba tsena sekole kwa Moeng, ba itse dikgwetlho tse baithuti bao ba nang le tsone, ka jalo ba dira le sekole seo go di lwantsha.

A re MOCOL 2001 Charity Association e dirisanya le sekole mo go neeleng baithuti maele a gore ba ka dira jang go kgona ditoro tsa bone.

Mo potsolosong, mogolwane wa barutabana ba ba itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng, Mme Bonnie Maila o ne a bolela fa ba MOCOL 2001 Charity Association ba tsile ka nako e e siameng ka ba arabile selelo sa bone.

A re ba na le dikgwetlho, bogolo jang fa baithuti ba boela sekoleng fa dikole di bulwa, ka bangwe ba tla ba se na didirisiwa, melora ya go tlhapa le go tlhatswa.

O ne a bolela fa baithuti ba ba thusiwang ke bommaboipelego le bone ba thusiwa.

O ne a supa fa a itumeletse thuso e ba e boneng ka e tlaa ba thusa fa baithuti ba na le boot camp, ka ba kgona go ba kganela go ya magaeng fa dikole di tswalwa, gore ba kgone go tsenelela dithuto tseo. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Moeng

Event : Kabo dimpho

Date : 08 May 2017