Breaking News

Ba Good Hope ba kopa katoloso ya kokelo

08 May 2017

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Good Hope, Rre Onthusitse Mpofhu o kopile tona wa botsogo le boitekanelo go ba sekasekela go ba atolosetsa kokelo go nna e kgolwane go ka itepatepanya le dipalo tsa banni ba kgaolo ya Good Hope-Mabule.

Rre Mpofhu o buile seo fa a Afa tekodiso mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcus Makgato ka Labone kwa Good Hope. Rre Mpofhu o ne a tlatsa ka go re, ba tlhaelelwa ke malao a balwetse kwa kokelong le diphaposi tsa balwetse ka jaana bana ba tlhakanela diphaposi le borre le bomme.

O ne a re kokelo eo e lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la dikobo le melemo mme e bile baoki ba akgela balwetse diatla.

Mo go tse dingwe o ne a kopa tona gore ba buisane le bogogi jwa kokelo go sekaseka dijo tse di apeelwang balwetse ka jaana bangwe ba balwetse ba sa kgone go ja dijo tse di thata. Fa a ba  kgwa dikgaba, mookamedi wa kokelo ya Good Hope, Rre Thato Sarona o ne a tlhalosa fa dikobo tsa balwetse di le mokawana mme le gale ba tlaa boa ba tlhodumela gore fa go na le tlhaelo ba di oketse.

Mo go ya dijo tsa balwetse, o tlhalositse fa baapei ba apaya bogobe ka dinako tsotlhe gore balwetse ba ba sa kgoneng go ja dijo tse di thata go nne le se ba ka tshegetsang  mowa ka sone.

Fa a ema banni ka lefoko, Tona Makgato o ne a supa fa kokelo e ka atolosiwa mme selo se se botlhokwa e le gore batho ba tsee boikarabelo ka botsogo jwa bone ka jaana didikadike tsa madi a a dirisiwang mo go ageng dikokelo le dikokelwana di ka bo di dirisiwa mo go atoloseng ditlhabololo tse dingwe tse di tlaa godisang itsholelo ya lefatshe.

O ne a tlhalosa fa kago ya phaposi ya bana le go atolosa mhama wa kokelo di le mo lenaneong la ditlhabololo tsa 2018/2019 mme a tshwaela gore letlhoko la madi le na le gore go nne le tiego go simolodisa ditlhabololo jaaka fa di ne di beilwe.

Ka jalo o ne a gwetlha morafe go tsaya botsogo jwa bone tsia ka ntlha ya gore puso e tshwentshwe ke go gola ga dipalo tsa balwetse ka ntlha ya malwetse a a sa tshelanweng  a a tshwanang le jwa sukiri, madi a matona, bokima le kankere.

A re le fa go le jalo, malwetse a a fitlhelwa le mo baneng ba dikole, a re seo ke sesupo sa go tlhoka go ja ka fa tshwanelong ka jaana bontsi bo oja dijo tse di sa siamelamg mebele ya bone.

O ne a gwetlha setshaba go rutuntsha bana le ba malwapa a bone ka go ja mo go babalesegileng gammogo le go itshidila mmele go thibela go tsenwa ke malwetse ao.

Mo go tse dingwe, Mme Makgato o ne a supa fa puso e santse e tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare le mororo puso e ntshitse mananeo le dithuto tse di tseneletseng go ruta batho ka fa ba ka itlhokomelang ka teng go tila go tsenwa ke mogare.

Mme Makgato o supile fa borre ba di goga kwa tlhogong ka go nna maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare ka jaana bontsi jwa bone ba itlhatlhoba ka bakapelo ba bone, selo se a supileng fa se le borai. O ne supa gore lephata la gagwe le nna le kopa madi a mantsi go feta a mangwe ka maikaelelo a  go leka go itepatepanya le go neela setshaba botsogo jo bo faphegileng ntswa go na le tlhaelo ya ditirelo tse dingwe mo lefatsheng.

O ne a gwetlha setshaba gore ba fetole maitsholo a bone gore lefatshe le tle le kgone seelo sa mafatshefatshe sa ngwaga wa 2030 gore tshaba ya Botswana e bo e tshela kwa ntle ka mogare wa HIV.

O ne a kopa bateledipele ba morafe go tsenya letsogo go thusa ba botsogo go bona gore dithuto ka mogare wa HIV di fetisetswa kwa setshabeng ka kakakretso.

Mme Makgato o ne a tlhalosetsa morafe gore ga go ka fa molaong gore mooki a akgele molwetse diatla mme le gale ba tlaa tlhotlhomisa dikgang tsa mofuta oo, a supa fa modiredi a ka tseelwa dikgato tse di maleba fa go ka supagala fa botlhaswa bo nnileng teng mo tirong. O ne a tlaleletsa ka go kopa morafe gore ba ithuse ka go ithekela melemo ka nako e puso e lebanweng ke kgwetlho ya tlhaelo ya melemo.

Fa a amogela baeng, motshwarelela bogosi jwa Morolong, Kgosi Botiki Motshegare o ne a bua ka fa go ngomolang pelo ka teng gore malwetse a tswelela ka go tsaya phekelo e sele le mororo dithuto tsa ipabalelo di fetile dithapo tsa leselo, ka jalo a gwetlha morafe go fetola maitsholo a bone gore go tle go nne le diphetogo.

Fa a afa malebo, mopalamente wa Goodhope-Mabule, Rre Lotlamoreng Montshioa o ne a supa fa mo kgaolong ya gagwe go santse go na le dikokelwana tse di sa gokelwang motlakase, le jone gammogo le tlhaelo ya dikoloi tsa thuso ya potlako mme se se baya matshelo a balwetse mo diphatseng. BOPA

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : GoodHope

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2017