Breaking News

Nnang podimatseba

19 Jun 2013

E re le ntswa e le pina ya malatsi otlhe gore batho ba nne podimatseba mo dirukutlhing tse di ba amogang ditsabone ba re ke baruti, bangwe ba santse ba wela ka lemena le.

Ramapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse, o boletse bosheng gore go na le bangwe ba ba itlhabang ka thipa mpeng ka go tswelela ba reetsa ba bo ba tsiediwa ke batho ba ba ipitsang baruti.

A mapodisi a tshwenngwa ke ditiragalo tse, ka e bile motho fa a setse a tsieditswe, o ya go ikuela mme babelaelwa bone ba setse ba tsene ka lenga la seloko.

Rre Badumetse a re o tsweletse ka go lekodisa makalana ka go farologana ka seemo sa borukutlhi mo kgaolong. A re o setse a biditse bogogi jwa motse go ntsha megopolo e e ka fokotsang seemo sa borukutlhi ka go farologana mo motseng wa Maun. A re morafe le one o tlaa nna le sebaka sa go biletswa pitso eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 19 Jun 2013