Tiego e tshwenya molaodi
08 May 2017
Molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi a re ke maikaelelo a gagwe go tlhomamisa gore morafe wa Kweneng o amogela ditirelo tsa boleng ka nako le go itse ka mananeo a go tlhabolola matsheo a batho.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Mahetlwe ka Tshipi, Dr Mmusi a supa fa a tshwenngwa ke go gola ga dingongorego tsa morafe ka go diegelwa ka kitso ya mananeo le tiego ya go tsibogela matshwenyego. O tlhalositse fa e le tshwanelo ya morafe go itse lobaka lwa go emela tharabololo ya dikgang tse di ba tshwenyang e seng go amogela tlwaelo ya bodiredi gore dikgang di tsewa mofago.
Dr Mmusi o solofeditse fa a tlaa kotela bodiredi go tlhomamisa gore dikgang di rarabololwa ka nako go hema dingongora. Fela o ne a kopa batho ba Mahetlwe gore le fa e le tshwanelo ya bone go supa matshwenyego ka tse di sa ba itumediseng, go nne le go tlotlana go aga tirisano mmogo fa ga re ga bone le bodiredi.
Mo go tse dingwe, Dr Mmusi o solofeditse fa maiteko a go atolosa go balwa ga pampiri ya dikgang ya DailyNews mo Kweneng go tsweletse gore kgaolo e e bone yotlhe le fa e tlaa seke e nne ka dinako tsotlhe ka ntlha ya tlhaelo ya dikoloi.
O solofeditse fa thulaganyo eo e tlaa tokafadiwa ka go dira mokwalo o o tlamang maphata go tseela metse pampiri ya dikgang, thulaganyo e a reng e tlaa nama e le bonya ka e tlaa bo e santse e simologa, mme a re maikaelelo ke go e rotloetsa go thusa go isa mananeo kwa morafeng.
Batho Mahetlwe ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya go amogela mananeo le tiego ka tharabololo ya dikgang tse di amang morafe. Batho bao, mo go bone go le Rre Mmolaathebe Radikhukhu ba supa ka monwana molemisi wa kgaolo gore ga a ba thuse ka gope go tlhabolola seemo sa temo mo kgaolong, ba supa fa tsholofetso ya ga Tautona gore kgaolo ya Marungwane e agelwa letamo e phirimisitswe ke go nna maoto a tshupa ga molemisi.
Seemo seo se tshwentse molaodi yo o solofeditseng go tsaya kgato ka go supa fa le ene a itemogetse ka bothata jo bo teng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mahetlwe, Rre Lebotsang Gobusamang, o kopile gore go okediwe dipalo tsa Ipelegeng go thusa go tlhabolola mafelo a a mo tikologong eo a a sa thusiweng ka jaana a bewa ka fa mosing ke 47 yo o fiwang kgaolo eo.
Rre Gobusamang o ne a kopa go itse ka seemo sa tsela ya Hatsalatladi/Lentsweletau e a neng a kaya fa thulaganyo ya yone go lebega e kgaphetswe ntle le mororo e ne e abetswe madi. Le fa gontse jalo, mothusa molaodi wa ditlhabololo,
Rre Kabelo Ntopo o latoletse morafe fa tshekatsheko ya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba e kgaphetse tiro eo kwa ntle mme e sa amogelwa go dirwa mo lenaneong la NDP11.
Mokhanselara Simon Maroane ene o supile matshwenyego ka tiego ya lekgotlana la kabo ditsha la Lentsweletau gore le diegela go wetsa thulaganyo ya go tsaya masimo a a mo tikologong go sega ditsha.
Mokhanselera o bile a kopa gore Mahetlwe a sekasekelwe go bona lenaneo la RASA ka jaana e se na ditlamelo fela jaaka metse e e kgakala le ditlamelo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Mahetlwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 May 2017






