Breaking News

Khamphani e akanya go bula moepo

19 Jun 2013

Kgosi Tirelo Motseonangeng wa Maboane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o amogetse diphetogo tsa ditlhabololo tse di ka tlisiwang ke dikeletso tsa kompone ya Walkabout Resources, go dira moepo wa magala, o o tlaa bong o le fa gare ga motse wa Takatokwane le Maboane.

Kgosi o amogetse dikeletso tsa kompone eo mo phuthegong ya kgotla kwa motse oo mo bosheng. Phuthego e, e ne e tshwerwe ke mookamedi wa kompone eo, e le ntlha nngwe ya ditshekatsheko tsa gore diphetogo tse di tlaa ama matshelo a batho le tikologo eo jang.

Kgosi Motseonageng o tlhalositse gore tlhabololo eo fa e ka atlega, e ka ntsha motse wa gagwe kwa morago le banana baka bona ditiro. Kgosi o boletse gape gore le lehuma le borukutlhi di ka fokotsega ka jaana banana ba tlaa bo ba bone ditiro. O ne itela mo bagolwaneng ba kompone eo gore ba sekegele bana ba kgaolo eo tsebe fa ba thapa.

Mookamedi wa kompone ya Walkabout Resources, Rre Bruce White o tlhaloseditse banni ba motse oo gore kompone ya gagwe e bone magala mo kgaolong ya Letlhakeng, ngwaga tse pedi tse di fetileng mme jaanong ba na le keletso ya go bula moepo teng. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba tshwere diphuthego tsa kgotla mo metseng e e tlaa amegang ya Dutlwe, Takatokwane le Maboane go dira ditshekatsheko.

 O boletse fa ba abetswe sekidi sa lefatshe se ba tlaa agelang diofisi tsa bone teng gone fa gare ga metse eo. O ne a  tlatsa ka go tlhalosa gore dipatlisiso di supile fa moepo o tlaa tsaya dingwaga tse di masome mararo go ya go a mane o ntse o ntsha magala. O tlhalositse gore moepo oo ke o o tsenelelang kwa teng jaaka wa Jwaneng, e le gone go somarela lefatshe.

Mogolwane wa baitseanape ba tikologo, wa kompone ya ECO SURV Enviromental Consultants, Mme Taboka Mabudi, o tlhalositse gore kompone ya Walkabout e ba thapile go ba direla ditshekatsheko.O ne a tlhalosetsa baagi gore dipatlisiso tsa tikologo di akaretsa leruo, masimo, meraka, ditlhare le diphologolo le dingwe ditshedi gore moepo o tlaa di ama go le kae.

A tlatsa ka go re ba tlaa tla gape, jaanong ba tsile go dira tse di tseneletseng tsa matshelo a morafe jaaka gore ke eng se se tla amegang mme e le se ba itshetsang ka sone jaaka ditswanageng jaaka morama.

Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Ngaka Ngaka, o tlhaloseditse morafe gore moepo oo ke wa Batswana, ka jalo ba solofele gore fa o ka atlega, go tlaa thapiwa le badiri ba ba tswang kwa ntle ga kgaolo eo.

O ne a tlhalosa gore ditiro dingwe di tlhoka batho ba ba ithutetseng tiro eo. O weditse ka go kopa morafe go dirisana le baeng sentle fa ba ntse ba tsweletse ka ditshekatsheko. ENDS

 

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : MABOANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2013