Breaking News

Phane e inola ba le bantsi mo lehumeng

07 May 2017

Phane, fela jaaka sengwe le sengwe sa botshelo e na le ditlamorago tse di amang losika loo motho, leruo le gone go baka dikgotlhang fa gare ga  beng ba mafelo a e bapalwang mo go one, dikgosi, banni ba metse, ba botsogo le ba lephata la dikgwa le matlotlo a tlholego, ka go lemosega fa ka dinako dingwe melao ya go bapalwa ga yone e sa salwe morago.

Mo go ameng losika loo motho, ditlamorago ke gore go le gantsi babapadi ba phane ba latlhegelwa ke matshelo ka go longwa ke dinoga, tse go le gantsi le tsone di itumelelang go nna teng ga phane ka le tsone di tshela ka yone.

Mo go tsa botsogo go le gantsi bangwe ba tlhaselwa ke bolwetse ja letshoroma,segolo jang ka dinako tseo e le tsa dipula le temo, bangwe ba felele ba latlhegelwa ke matshelo fa bangwe ba kgona go falola bolwetse joo jo bo bakiwang ke monang.

Ba botsogo ba ne gape ba lemoga fa bonno jo babapadi ba phane ba nnang mo go jone bo sa sireletsega.

Bonno joo go le gantsi ke mekhukhu e e agilweng ka dipolaseteke fa gare ga sekgwa, majang, metsi mme diemo tseo  di ka felela di baka malwetse le dintsho.

Ba botsogo ja leruo bone selelo segolo e bo e nna gore batho bao ba ithomela gongwe le gongwe ka matlwana a boitiketso a a bo a seyo go ka a dirisa ka jalo seo se bakele leruo bolwetse ja mabele, mme go ame thata itsholelo ya lefatshe leno ka le ikaegile thata ka theko le thekiso ya nama, dikgomo di felele di sa rekwe sentle, mme barui ba latlhegelwe ke leruo la bone ka gore go duelelwa fela letlalo le tse dingwe fa nama yone e tshubiwa e sa duelelwe.

Seo se beya barui ka fa mosing wa go godisetsa leruo la bone lefela le one maikaelelo a go ithusa ka lone a phirimisi ditoro tsa bone tsa letsatsi fa di tshwarwa ka bolwetse ja mabele.

Dikgakololo e ne ya nna gore maikaelelo ke gore batho bao ba bapale phane ba le fa ba ka kopang matlwana a boitiketso teng go na le go nna fela mo nageng le gone go sireletsa matshelo a bone.

E re ntswa ba lephata la dikgwa le matlotlo a tlholego le bone ba eme ka dinao go bona gore phane e bapalwa sentle ka maikaelelo a go e babalela gore e seka ya nyelela, monongwaga go ne ga lemosega fa e ne e le teng sentle mo mafelong a kgaolo-potlana ya Palapye kwa Topisi le Lerala, mme go lemosega gape fa e le teng kwa mafelong mangwe a kgaolo ya Bobirwa jaaka Tsetsejwe le Mathathane.

Ba lephata leo ba supile fa e le bone ba ntshang  diteseletso tsa go bapalwa ga phane mme di kgaogantswe ka makalana a le mararao, ebong teseletso ya beng gae, baagedi le batswakwa mo go ntshiweng kana go abiwa ga diteseletso tse, beng gae ba duela P50 wa teseletso ya go bapala le P500, fa ba batla go rekisa kwa ntle, fa baagedi bone ba duela P100 le P1 000 mme batswakwa bone ba duele P300 le P2 000.

E rile a tlhalosa mo potsolotsong gore tsone diteseletso tseo ba di aba jang, mogolwane go tswa mo lephateng leo a direla kwa Serowe, Rre Ezekiel Lekhutlile a supa fa ba aba diteseletso tseo gabedi mo ngwageng, a bo a tlhalosa fa mo nakong e nngwe phane e simololwa go bapalwa go tswa mo kgweding ya Moranang go fitlhelela Motsheganong go tswa fela gore e bontsi bokae, fela jalo le ya kgwedi ya Sedimonthole e kgona go fetelela kwa go Ngwanatsele/ Hirikgong/Moranang e bile e kgona go fetela kwa go Motsheganong.

Rre Lekhutlile o ne a supa fa e le bone ba ntshang diteseletso, mme a tlhalosa gore pele ba dira jalo ba batla lekwalo la kgosi, mong wa polase.

Moraka kana mong wa masimo a ba yang go bapala phane mo go one go itsa dikgang tse di nnang teng tsa  go tshosediwa matshelo ke beng ba mafelo.

O ile a tlhaosa ka botlalo fa kgosi a sa ntshe diteseletso jaaka bangwe ba akanya, a re dikgosi kana beng ba mafelo ba dira mekwalo go direlwa gore e re fa mathata a ka tlhaga afe kapo afe fela batho ba ba tseye boikarabelo ka bofefo go begela bao ba ba tshwanetseng dikgang tseo.

Rre Lekhutlile o ne a re ga go bonolo go laola babapadi ba phane ka bangwe ba kgona go bapala fela ba sena diteseletso.

Mme e re fa ba ba lemogile ba ba neele ba molao, ba duedisiwe ba bo ba tseelwe le yone phane e ba e bapetseng, gore ba sale molao morago eseng go itirelela fela.

Mo teng ga kgang eo go ne ga  lemosega fa monongwaga go ne ga seka ga  tlhagoga melelo, e le yone e amang phulo le gone go turela puso ka go le gantsi fa e tlhagogile go dirisiwa dikoloi tsa puso, bodiredi le gone go baka leuba le e ya reng kgabagare le tsenye puso mo ditshenyegelong tsa phokoletso tlhwatlhwa ya dijo tsa leruo.

Go le gantsi melelo eo e golaganngwa le babapadi ba phane.  

Kgaolo ya Palapye e ne ya lebogelwa gore ebo e seka ya nna le melelo monongwaga ka dinako tsa go bapalwa ga phane.

Go lebeletswe gore dipula di nele ka bontsi seo se ne se ya go baka matlhotlha pelo.

E ne erile bosheng mothusa tona wa  lephata la tlhabololo  temo-thuo le tlhomamiso dijo, e bile e le mopalamanete wa kgaolo ya Serowe bokone Rre Kgotla Autlwetse a etetse kgaolo ya gagwe bosheng kwa Topisi banni ba tlhalosa fa bolwetse ja mabele bo ba apesitse kobo ka letshoba, mme ba supa babapadi ba phane ka monwana ba re ba ithomela gongwe le gongwe.

Banni ba ne ba ikuela mo mopalamenteng wa bone ba re bareki ba phane ba e reka ka madi a mannye mo go bone mme  ba e rekisa madi a mantsi.

Mme o ne a dumalana le bone a bo a re gongwe nako e tsile ya gore go okediwe madi a ditheko le dithekiso tsa phane segolo jang fa e rekisediwa batswakwa.

O ile gape a supa fa phane e direla batho ba mafatshe a sele ditiro, mme a gwetlha banni gore ba simolole madirelo a go sila le go e tsenya mo metemeng go e rekisa, a re seo se ka bakela banana ditiro, tse e di bakelang banni ba mafatshe a e silwang kwa gone, segolo jang go lebeletswe kwelo tlase ya ditiro e e bakilweng ke go tswalwa ga mokoti wa Selebi Phikwe bosheng.

Rre Autlwetse one a re a banana ba tswe mo go batleng ditiro tsa diofisi mme ba akanye go ikemela ka dinao go itlhamela ditiro, ka e bile bone ba le lesego ba thusiwa ke puso go ka itshimololela dikgwebo go iphira le go hira ba bangwe.  BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 07 May 2017