Breaking News

Sesupa-tsela se botlhokwa

07 May 2017

Moemedi wa mokgatlho wa masupatsela wa Good Hope First Troupe, Rre Isaac Botlhoko, a re mokgatlho wa sesupa-tsela o botlhokwa ka o rotloetsa banana go gola ba itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo, sedumedi ga mmogo le go gola ba itse tse di siametseng tikologo e ba golelang mo go yone.

O buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse go abelana le morafe wa Goodhope, ka botlhokwa jwa mokgatlho wa sesupa tsela bosheng kwa kgotleng.

Rre Botlhoko o tlhalosiste fa mokgatlho o o anameng lefatshe ka bophara, o rotloetsa banana go ikgapha mo boitsholong jo bo ka ba gogelang mo diphatseng jaaka tiriso ya dino-tagi le bogodu.

O tlhalosa fa ba tlhamile mekgatlho e mo dikoleng tsotlhe kwa Goodhope go thusanya le batsadi mo kgodisong ya bana ka botho jo bo eletsegang.

O tsweletse a tlhalosa fa sekole se segolwane sa Goodhope se tlaa thusa gore mokgatlho o aname le Botswana ka se amogela baithuti go tswa kwa mafelong a le mmalwa mme ba tlaa kgona go simolodisa mokgatlho o kwa metseng ya bone, selo se se tlaa fetolang maitsholo a banana ba lefatshe leno.

O ne a kopa batsadi go rebola bana ba bone go tsenelela mokgatlho o ka o tsweletse ka go ntsha banana mo mekgwatheng mme e bile a solofela fa borukutlhi bo tlaa fokotsega mo kgaolong ya Borolong.

Rre Botlhoko a re mokgatlho o, o tsweletse gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba tlhokileng lesego kwa motseng wa bone.

“Re ithaopa ka go phepefaletsa bana-le-bogole, batlhoki le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego, mme e bile re itlamile go tswelela gape le go lebagana le go tlhabolola motse wa rona,” Rre Botlhoko a tlhalosa.

Fa a latlhela la gagwe, mothusa Kgosi wa Goodhope, Kgosi Alex Marumoloa, o ne a tlhalosa fa boitshwaro jo bontle bo bonelwa kwa mokgatlhong wa masupatsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Randy Kgosinkwe

Location : GOODHOPE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 07 May 2017