Breaking News

Komiti ya dithabololo e ikiteile sehuba go fetola matshelo a banni

07 May 2017

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo (VDC) kwa Kang Major General Gobuwamang Tlhokwane a re ba ikemeseditse go fetola ditebego tsa motse oo ka go o tlhabolola go ya ngwageng wa 2036.

Fa a bua mo phuthegong go begela setshaba tse VDC e di kgonneng, moalo wa ditlhabololo le madi a komiti e kgonneng go a kokoanya le go a dirisa bosheng, Major General Tlhokwane a re ba ipeetse seelo sa go fetola Kang go nna motse-setoropo.

O supile fa ba direla ditiro mo pontsheng gore go seka ga nna le tshenyetso setshaba.

A re ba dira jalo ka go nna ba begela setshaba ka tse komiti e di kgonneng, madi a a tseneng le a a dirisitsweng mo ditlhabolong tsa motse.

A re sengwe gape se ba se dirileng ke go kopa ba khansele potlana ya Kgalagadi Bokone gore ba tle go ba dupela dibuka tsa madi.

A re VDC e tlhomile baeteledipele go ya ka maphata a yone a a farologanyeng gore ditirelo tsa komiti di tsamaye ka thelelo.

Maj. Gen. Tlhokwane a re ba dirile thulaganyo ya go nna le botsalano jo bo nonofileng le maphata otlhe a puso le a a ikemetseng.

O kaile fa ba setse ba segile tema ka go dira melawana e e lomaganang le ya khansele.

E re ka Kang a le mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway, Maj. Gen. Tlhokwane a re go maleba gore VDC e tsenye letsogo go tlhabolola motse gore o tle o kgone go ngoka babeeletsi le bajanala.

A re sengwe se se ka dirang gore se se kgonafale, ke go fokotsa leruo le le sailang fa gare ga motse.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba mekamekane le kgwetlho ya go tlhoka go neelana sentle ga komite e ntsha le e e fetileng, ka jalo maduo a go dupiwa ga dibuka tsa madi a ise a tswe.

A re sengwe gape se se ba jesetsang mo kgobedung ke morafe o o maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa VDC mme se se dia ditlhabololo ka go sena therisanyo e e motia. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Phuthego

Date : 07 May 2017