Breaking News

Bagwebi ba Martins Drift ba tlaa batlelwa lefelo

07 May 2017

Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Kitso Mokaila a re bomme ba ba gwebang ka dijo kwa molelwaneng wa Martins Drift ba tlaa a batlelwa lefelo le le kgakajana le tsela le bo le tlhabololwa go bo go nna le melao e e le tsamaisang.

Rre Mokaila o buile se kwa phuthegong e a neng a e tshwere le bagwebi bao kwa kwa molelwang wa Martins Drift bosheng.

A re lefelo leo le tshwanetse le nne phepa e bile le siametse mongwe le mongwe.

A re fa seemo sa lefelo leo se ka seke se tsibogelwe e tlaa a nna bothata fa go sena go wetswa borogo jwa Kazungula ka go tlaa a nna le koketsego ya dikoloi tsa megobagoba mo molelwaneng wa Martins Drift mme go ka nna borai gore bomme bao ba bo ba santse ba direla mo lefelong le ba direlang mo go lone gompieno ka dingwe dikoloi tseo di a bo di rwele leokwane.

O tsweletse a tlhalosa fa phuthego ya gagwe le bagwebi bao e gwetlhilwe ke makwalo a a neng a a amogela go tswa kwa go boora Van Vurren ba e leng beng ba polase e bagwebi bao, ba direlang mo go yone ba supa ngongorego ka bone.

A re ba ne ba supa fa go na le tshenyo e e diragalang mo terateng ya polase ya bone e bile ba tlhalosa gape fa go na le bangwe ba ba rwalelang dikgong mo go yone mo le terata ya polase ya bone e kgaolwa mme tshenyo eo e dirwa ke bangwe ba ba gwebang ka dijo gone fa molelwaneng.


Rre Mokaila o ne a itsise bagwebi fa a ne a tshwara bokopano le boora Van Vurren mme ba dumela fa ba tlaa a batlela bagwebi lefelo mo polaseng ya bone le ba ka direlang mo go lone mme ba se gaufi thata le tsela.

O tlhalositse fa lefelo le beng ba polase ba tlaa le ba adimang, le tlaa tsaya palo e e rileng mme go seke go nne le ba ba tlaa letlelelwang go tsena morago ga moo mme yo o tlaa boelang mo lefelong leo a tlaa ntshiwa.

A re seemo se tloga se tswa mo taolong fa se ka seke se potlakelwe.

Rre Mokaila a re o itemogetse fa bagwebi ba ba direlang fa molelwaneng oo e le bomme mme ba itshetsa ka go rekisa dijo.

A re dikgang tsa go rekisetsa fa molelwaneng wa Martins Drift di matswakabele e bile di ama botsogo ka malwetsi a kgabaganya melelwane.

A re lefelo leo bapile thata le tsela mme ga go a tshwanela gore go bo go ntse jalo ka go na le melao e e supang gore go ka diragala eng e bile go ka seke go diragale eng fa thoko ga tsela mme e tshwanetse e salwe morago.

Kgwetlho e nngwe ya lefelo le bomme bao ba direlang teng ke gore go na le bangwe ba ba direlang teng e se Batswana mme ba itira e kare ke bangwe ba Batswana.

Rre Mokaila o lebogile boora Van Vurren go bo ba dumetse go ba adima lefatshe le bagwebi ba tlaa direlang mo go lone.

Rre Clinton Van Vurren o ne a supa fa bomme ba ba gwebang kwa Martins Drift ba dirisa polase ya bone mme go sena nako e ba kileng ba buisanya le bone ka seo.

A re sekidi se ba direlang mo go sone, ga se a babalesega ka nako tse dingwe bangwe ba nwela majalwa mo go sone.

A re go na le kgonagalo ya gore go diragale kotsi mo lefelong leo ka dikoloi tse di rwalang leokwane di ema teng mme gape go gotswa molelo.

A re ba tshwenyega thata ka pabalesego ya bagwebi ba.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MARTINS DRIFT

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 07 May 2017