Tsenang diphuthego tsa kgotla -Olopeng
07 May 2017
Tona wa lephatala Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Thapelo Olopeng a re banana ba tshwanetse ba ikiteye ka thupana go netefatsa gore ba tsena le go tlotla diphuthego tsa kgotla ka dinako tsotlhe.
Tona Olopeng o ntshitse kgakololo e, kwa phuthegong ya kgotla kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng.
A re banana ba tshwanetse ba itse fa dikgotla e le tsone motheo wa lefatshe leno, ka jalo e le lefelo le ka lone ba ka anyang botsipa jwa go tshegetsa ngwao le setho se se eletsegang, a ba kopa gore ba nne le tirisano mmogo e bile ba kope dikgakololo mo bogosing ka seo se ka ba isa golo gongwe mo botshelong.
Rre Olopeng, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Tonota, o gwetlhile banana go itse le go ikanya Modimo ka dipaka tsotlhe, a ba kgalema kgatlhanong le mokgwa wa go kgaphela dilo tse di botlhokwa go sele, ba re di siilwe ke nako.
Mo go tse dingwe, Tona Olopeng o ne a ba gakolola go tlhokomela dikgwebo tsa bone a gatelela mo go ba ba boneng dithuso tsa dikgwebo tsa leruo, a re go dira jalo go tlaa ba thusa go tsholetsa le go tlhabolola matshelo a bone le go namola lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro.
A re e re ka jaana puso e leka bojotlhe go godisa boleng jwa banana e bile e tshwenyegile ka letlhoko la mebereko, ke ka moo e tlhomamisang gore monana ope yo o dirileng kopo ya go thusiwa ka kgwebo, a bone karabo mo malatsing a le masome a le mararo, a bo a tlhalosa fa lephata la gagwe le thusa banana ka go bula kgwebo ya mofuta mongwe le mongwe kwa ntle ga e e amanang le nnotagi.
Rre Olopeng o kopile banana go dirisa maranyane a Facebook ka fa tshwanelong, a re ba na le mokgwa wa go dirisa maranyane a ka fa go sa tshwanelang mo e bileng bangwe ba kgonang go bega loso phatlatsa mo go one ba masika ba ise ba itsisewe.
A re boemong jwa seo, ba a dirise go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone gore le bone ba nne bahumi ba popotla ba kamoso.
E ne e rile a amogela tona mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Maruje III wa Masunga a itela mo go ene ka go sa duelwa ka nako ga banana fa ba sena go inaakanya le dikgaisano tsa ga Tautona tsa dikgaolo, seemo se se sa jeseng diwelang sa lebala la metshameko la Masunga ga mmogo le dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya lone.
Kgosi Maruje III o boletse fa lebala leo la metshameko le tlhoka go baakanngwa mo go tseneletseng ka jaana le le mo seemong se se sa kgatlhiseng, a tlatsa ka gore go bo gape motlhokomedi wa lone a le kwa Francistown, se se ketefaletsa banni ba kgaolo go le sola molemo.
A re mo godimo ga moo, banana le bangwe ba ba nang le keletso ya go dirisa lebala mo ditirong tse di farologaneng ba nna ba lela ka dituelo tse di kwa mankalankaleng.
Banana le bone fela jalo ba ne ba nna le sebaka sa go begela tona matshwenyego a bone le go tswa ka megopolo e e farologaneng e ba kopang gore e diragadiwe go tokafatsa mhama wa bone, jaaka bangwe ba badiragatsi ba neng ba kopa gore ba okelediwe nako ya go tshegetsa maitiso gore ba kgone go kokoanya lemmenyana le le botoka.
Mongwe wa banana, Rre Refilwe Dube o ne a supa matshwenyego tebang le boutsana jwa go abelwa dithendara bogolo jang ke ba lekalana la Botswana Housing Corporation(BHC), a re go le gantsi go nna go buselediwa dikompone di le dingwe fela mo kagong ya matlo a SHHA.
Rre Okeditse Pharithi ene o ne a supa fa melawana mengwe a ba tlamegang go e diragatsa fa ba dira dikopo tsa go simolola kgwebo, e ba baya ka fa mosing ka jaana ba bo ba ise ba nne le letseno la madi go ka diragatsa melawana eo.
Tebang le dikopo le matshwenyego mangwe a a neng a neng a rolwa mo phuthegong eo, tona Olopeng o ne a tshepisa fa ba tla di lebisisa le go sekaseka go bona gore tsela go ka tsewa efe.
Le fa gontse jalo, e ne ya re fa a tshwaela mo mogopolong wa ya go okediwa ga dinako tsa badiragatsi, Rre Olopeng a supa fa a dumalana le one, a re mme fela seo se dirwa bokete go diragadiwa kantlha ya go sa itshwareng sentle ga banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 07 May 2017






