Breaking News

Ipelafatseng ka mananeo a puso

07 May 2017

Mong wa madirelo a Urban Media, Rre Daniel Ntlole o kgothaditse banana go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone ka malatsi a go se bonolo go bona tiro le fa motho a rutegile.

Mogwebi yoo, yo o dingwaga di masome a mabedi le boraro, o tlhaloseditse BOPA fa a inaakantse le kgwebo ya go kapa ditshwantsho tsa motshikinyego, go rulaganya le go dira ipapatso ya mekete.

A re o sale a nnile le lorato mo kgwebong ya mofuta o a sale mmontlana mme se sa mo gwetlha go simolodisa kgwebo e morago ga go ithuta ka tsa kgaso ya seromamowa le ditshwantsho tsa motshikinyego kwa unibesithing ya Limkonkwing.

Rre Ntlole a re kgwebo ya gagwe e simolotse Tlhakole ka 2015 ka thuso ya madi go tsweng kwa Lephateng la Banana Metshameko le Ngwao.

A re mo bogompienong o bereka a le esi mme keletso ke go thapa banana ba bangwe fa kgwebo e ntse e tsweletse e gola.

Rre Ntlole, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle, sebe sa phiri e le gore ditiro di tla ka go rotha mme se, se sa tsenye madi tsatsi le letsatsi jaaka bontsi bo solofela gore kgwebo e dire.

O supile gore manyalo le dintsho ke tsone tse a tsayang ditshwantsho thata kwa go tsone fa go rulaganya meletlo a go dira go dira ka sewelo.

A re kgwetlho ya gagwe e tona ke letlhoko la lefelo, ka jaana a santse a direla kwa lwapeng, selo se a reng se kgoreletsa go bona barotloetsi.

Rre Ntlole a re go tlhoka thotloetso e tseneletseng le go ne ke kgwetlho, a supa fa bontsi bo dumela mo dikgwebong tse ditona tse di setseng di itsege.

Le fa puso e thusa ka madi, Rre Ntlole a re thotloetso ya maphata a puso e ko tlase ka baa fa dikgwebo tse ditona ditiro.

A re se se dire gore ba nne o kare ga ba phadisanyele ditiro mme bone e le bagwebi ba ba potlana ba sale ba itshopere fela go sena se ba ka se dirang.

O tlhalositse fa madi a a neng a thusitswe ka o ne a sa lekana go reka di dirisiwa tsotlhe tse a ditlhokang, mme se, se mo paledisa ditiro dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 07 May 2017