Breaking News

Boineelo bo tsala phenyo

04 May 2017

E ne ya re ka ngwaga wa 2008 puso ya tla ka lenaneo la mapodisi a setlhotshwana maikaelelo e le go tiisa go lwantsha borukutlhi mme motse wa Motokwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le one wa amogela lenaneo le.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re dingwaga di ntse di tsamaya lenaneo le la latlhegelwa ke maloko a le mmalwa ka go ne go sena dituelo mme Rre Ngongorego Kgalaeng le Mme Magdeline Kelebeng bone ba ne ba seka ba boela morago ka ba ne ba tshwara ka thata go fitlhelela gompieno.

E rile ba bua mo potsolotsong bosheng, ba kaya fa ba ne ba direla motse wa bone ka natla le botswapelo mme ba felela ba ikgapela dietsele kwa moletlong wa sepodisi o o tshwarwang ngwaga le ngwaga go leboga le go tiisa moko mapodisi a a tshwereng ka natla go tswelela ba tshwere ka thata.

Ka boineelo le go tshwara ka natla di tsala katlego le phenyo, e ne ya re ngogola Mme Kelebeng a ikgapela seetsele sa go dirisana sentle le maphata ka go farologana le gone go bo a tshwere ka botswapelo mo tirong ya gagwe.

Monongwaga a ipoeletsa gape ka go ikgapela seetsele kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwerwe bosheng kwa toropong ya Selebi Phikwe mme a patilwe ke modiri ka ene Rre Kgalaeng.

Badiri ba, ba supile fa tiro ya go ithaopa mo sepodising e le botlhokwa fela thata e bile e ba tlodisitse dinokana di tletse ka ba kgona go tlamela malwapa a bone le gone go tsenya bana dikole.

Ba supile fa e se tiro e e motlhofo go boithaopo mme e tlhoka motho yo o boineelo gape a itlamile go lwela lefatshe kana motse wa gagwe ka go bona gore morafe wa gagwe o babalesegile. 

E re ka tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ba supile fa ba na le letlhoko la koloi ka ditiragalo dingwe tsa borukutlhi di diragalela kwa merakeng e e kgakala le bone mme e re ba goroga ba fitlhele batho ba latlhile bosupi kgotsa badiramolato ba setse a siile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 04 May 2017