Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati
03 May 2017
Lorato, boitseanape, botswerere, bopelotelele le kelelelo ke tsone di tlhokafalang mo mothong go ka itirela ka diatla.
Se se supilwe ke Mme Keetsemang Kebarorile yo o dirang mekgabisa ya diaparo.
Mme yo wa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano wa kgotla ya Phokela kwa Serowe o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa a simolotse kgwebo e ka 2014.
Ka go twe metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, ka go lemoga fa bomme ka bontsi ba dirisa mekgabisa e, mo ditseleng kwa dintshong le kwa manyalong, Mme Keetsemang a bona se e le motlhala wa go ka itshetsa, mme e bile o dira mekgabisa e a lebile mebala ya dikapari gore go nyalane.
“Malatsi a kgwebo ke Labotlhano ka e le letsatsi le bontsi bo folosang manyalo kwa ga molaodi le Matlhatso kwa manyalong,” a tlhalosa.
Mme Kebarorile a re ntswa motho yo mongwe a ne a ka nyatsa mogopolo o, seo ga se a ka sa mo kgoba marapo ka mekgabisa e mo fa phaletshe.
“Ke itemogetse fa batho ba amogetse kgwebo ya me ka gore letsatsi la ntlha ke lekeleditse ka dithunya tse di masome mabedi mme tsa rekwa tsotlhe. Ka ititaya sehuba go gatela pele.”
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba bonang tiro ya gagwe ba tla ba mo rotloetsa ka go reka mantlenyane a.
Mogwebi yo o patagantse kgwebo e ya mekgabisa le dikopelo le ya poleshe ya matlo e a e dirang ka dikupu tsa stasoft.
Mme yo, a re ntswa go se bonolo go simolola kgwebo, seo ga se reye gore ba tshabele kgakala,.
O tlhalosa fa mananeo a puso le one a le mantsi e bile a thusa ba-na-le megopolo go ba tlhamela ditiro le gore setshaba se itsose ka Motswana a boletse fa mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
Mme Kebarorile a rotloetsa Batswana go itirela megopolo ya bone a tlatsa ka go re ga go molato go kopa dikgakololo mo go ba ba nang le dikgwebo.
O ne a rotloetsa Batswana ba ba nang le dikeletso tsa go simolola kgwebo e e tshwanang le ya gagwe gore ba seka ba itsapa ka e siame thata, bogolo jang ka a rekisa gongwe le gongwe.
A re go le gantsi kgwebo e barotloetsi ba yone e leng basadi, e dira sentle ka borre ba rekela bomme ba bone, bomme ba ithekela, mme le bana ba kgona go ba rekela.
Moreki wa dithunya tsa ga Kebarorile, Mme Maria Shadreck o ne a kaya fa a di rekile ka go farologana, di tsamaelana le kapari go tswa tlhogong go ya maotong.
Mme Shadreck o ne a akgola kgwebo e ka e bile ba reka fela mo gae go na le go reka kwa mafatsheng a sele.
Morotloetsi yo, o ne a tlhalosa fa bagwebi ba batona ba simolotse ka dikgwebo tse dipotlana.
O ne a wetswa ka go leboga Mme Kebarorile ka maiteko a mantle a bo a mo eleletsa katlego le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe.
A re keletso ke go bona mogwebi yo a rekisetsa madirelo a matona mekgabisa e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keneilwe Gagoiponwe
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 May 2017






