Kgosi Kgari o akgola Sefalana
03 May 2017
E rile ka Labotlhano kwa Molepolole, Kgosi Kgari III wa Bakwena a iteela legofi lebentlele la Sefalana jaaka fa le ne le abela ba ba tlhokileng lesego dimpho.
Kgosi Kgari III o akgotse lebentlele leo ka e bile a re ga se la ntlha le dira tiro eo, a re mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng le ntse le itshwaragantse le ba ofisi ya boipelgo ka moono wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O supile fa a itumelela gore bogogi jwa lebentlele leo ga bo dire maretshwa a gore dimpho tse di ajwang ke lebentlele di fiwe ditsala tsa bone.
A re ba dira jalo ka go akaretsa maphata a puso go ba thusa go sekaseka ba ba ka abelwang.
Kgosi Kgari III o ne a kopa ba ba abelwang dimpho go di amogela ka matsogo a mabedi ba sa di galale mme a kopa ba lebentlele gore ba seka ba emisa tiro e, mme a ba kopa go tsenya lentswana mo go thuseng Bakwena.
E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa Sefalana, Rre Kagiso Mogopodi a supa fa ba itumelela go nna karolo ya Molepolole, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba nne le se ba se direlang morafe wa motse oo.
A re tiro e ya go abela ba ba tlhokileng lesego ba e simolotse ka 2014 mme jaanong ke tiro e ba e dirang ngwaga le ngwaga.
O boletse fa ba ikopanya le laphata la ba boipelego gore ba ba fe maina a batho ba ba ka ba thusang ba tswa mo malwapeng a a farologaneng a le matlhano, e bile a supa fa batho ba, ba farologana ngwaga le ngwaga.
Rre Mogopodi a re monongwaga ba dirisitse P9 799 go rekela batho bao dimpho tse di akaretsang dijo, melora le dikobo.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya boipelego mo kgaolong-potlana ya Molepolole-Lentsweletau, Mme Bontsheng Mpoko a supa fa ofisi ya gagwe e lebogela tiro e.
O ne a kaya fa ofisi ya gagwe e ne ya tsaya tshwetso ya gore thuso e ba Sefalana ba neng ba tla ka yone ba e fetisetse mo baneng ba e leng dikhutsana mme ba dule mo lenaneong la go thusiwa ke puso ka lebaka la gore ba setse ba godile.
Mme Mpoko a re puso e le nosi e ka seka ya kgona go tlhokomela batho ba ba tlhokileng lesego, ka jalo ba leboga fa dikgwebo tse di farologaneng di tshwana le ba Sefalana di tsweletse ka go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 03 May 2017






