Kotsi e bolaile mosadi
03 May 2017
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mmotorokara wa Lexus o neng wa thula wa BMW kwa morago.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re kotsi eo e diragatse kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown ka Matlhatso ka nako ya boferabobedi bosigo.
Superintendent Halahala a re go lebega dikoloi tseo di ne di tlhomagane, mokgweetsi wa koloi ya Lexus a ne a thula BMW kwa morago mme bapalami ba BMW ba ba neng ba le bane ba gobala.
O boletse fa ba ne ba ragosetsa bone joo kwa kokelong ya Tutume kwa go ilweng ga tlhomamisiwa fa mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro le masome mararo a tlhokafetse,fa ba bangwe ba babedi ba ne ba fetisediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa ba sidilegang teng. Mokgweetsi wa BMW o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme a gololwa.
O supa fa bapagami ba Lexus ba le bone ba neng ba le bane ba ne ba seka ba bona dikgobalo dipe.
Superintendent Halahala a re ba tshegeditse mokgweetsi wa Lexus wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro go ya kwa go masome mararo go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
O tlhalosa fa moswi a tlholega kwa Serowe mme a ne a ithutela bongaka kwa China mme jaanong a le mo malatsing a boitapoloso mono.
Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka.
Superintendent Halahala o ikuetse mo bakgweetsing go tlogela mokgwa wa go kgweetsa ba itshietse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 May 2017






