Dikolo tsa bana-le-bogole ke kgwetlho
03 May 2017
Mokwaledi wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Selekanyo Lombala o tlhalositse fa go se motlhofo go kgobokanyetsa baithuti ba ba-na-le bogole mo sekoleng se le sengwe ka jaana dikole mo kgaolong eo di gasagasame le metse.
Rre Lombala o ne a bua kwa bokopanong le baitseanape go tswa kwa lephateng la botsogo le bloitekanelo ba ba neng ba tsile go sekaseka ka fa seemo sa go isa ditlamelo kwa go ba ba nang le bogole se ka tokafadiwang ka teng kwa Letlhakeng ka Labobedi.
O tlhalositse fa go le motlhofo mo dikgaolong-potlana di tshwana le ya Molepolole le Mogoditshane ka jaana di na le dikole tse dintsi mo motseng o le mongwe, mme ka jalo go le motlhofo mo go bone go kgetha sekole se le sengwe go nna sone boremelelo jwa thuto ya ba-na-le bagole, mme a re ka jaana kgaolo-potlana ya Letlhakeng e dirilwe ka metse e mennye e e phatlaletseng le kgaolo go ka seke ga nna motlhofo go dira jaaka barwarraabone.
Rre Lombala o tlhalositse gape fa matshwenyego a ba nang le one e le a gore dikago tsa lefatshe leno ka bontsi di agwa go sa reediwe dikeletso tsa ba-na-le bogole, a afa sekai ka matlwana a borutelo a a reng bana ba ba dirisang dikolotsana ga ba kgone go tsena mo go one.
O ne a tlhalosa gape fa ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya barutabana ba ba rutetsweng go ruta baithuti ba ba-na-le bogole.
Mongwe wa batsaya-karolo mo bokopanong joo e bile e le mmaboipelego, Mme Obakwe Matebele o ne a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya melawana-tsamaiso e e itebagantseng le ba-na-le bogole, ka jalo se se dire gore lephata lengwe le lengwe le itsamaisetse ka fa le bonang go le botoka ka teng.
A re e le ba boipelego ba lemogile fa ba-na-le bogole, bogolo jang ba-tlhoka kutlo le puo ba na le kgwetlho ya go kopa ditirelo mo diofising ka jaana bodiredi bo sa tlhaloganye puo ya diatla.
A re se gantsi se dira gore ba-na-le bogole ba boele malwapeng ba sa thusega jaaka ba ne ba ka eletsa.
Mme Matebele o ne gape a tlhalosa fa mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng go na le baithuti ba ba tlhokang dikole tse di faphegileng, mme a re ba felela ba tsena dikole tsa bana ba ba itekanetseng, a re se se kgona go dira gore ba felele ba tlogetse sekole ka ntlha ya gore bana ba bangwe ba a ba tshega.
Mogolwane wa ofisi ya banana mo Letlhakeng, Mme Felicity Nyoni le ene o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwetlho le banana ba ba-tlhoka puo le kutlo ba ba ikopelang mananeo a ofisi ya bone ka jaana ba sa kgone go ipuelela go utlwala ka nako ya ditshekatsheko.
A re bontsi jwa dikgwebo tse ba di rotloetsang ke tse di tlhokanang le mashetla mme se se felela se dira gore ba-na-le bogole bontsi ba palelwe ke go emelelana le dikgwetlho.
Ngaka go tswa kwa kokelong ya Letlhakeng, Dr Cray Ngulube o ne a gakolola fa dikgang tsa ba-na-le bogole di tshwanetse tsa tsewa ka mashetla mme tsa tsamaisiwa e le lenaneo fela jaaka go dirilwe ka twantsho mogare wa HIV/AIDS gore seemo seo se kgonege.
A re fa dikgang tsa ba-na-le bogole di ka tsewa tsia tsa abelwa dikoloi le bodiredi jwa dsennelaruri go ka nna motlhofo gore ba fe ba-na-le bogole ditlamelo le ditirelo tse ba di tlhokang.
Molaodi wa kgaolo potlana eo, Rre Boammaaruri Otlhogile ene o ne a rotloetsa ba-na-le bogole go nna ba iteka ka fa ba kgonang ka teng go na le go baya mo pusong.
O ne gape a gakolola setshaba gore ba-na-le bogole ba tlhoka go ratwa le go amogelwa mo setshabeng jaaka ba ntse, a re go dira jalo go ka dira gore le bone ba ikutlwe ba le motlotlo. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go tla go sekaseka ka fa go ka tokafadiwang ditirelo tsa ba-na-le bogole ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Bokopano
Date : 03 May 2017






