Breaking News

Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto

03 May 2017

E re ka bogole bo sa tsalelwe e bile go se na ope motsadi yo o itlhophelang gore o batla ngwana yo o ntseng jang, seo se raya gore ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto e e maleba go sa kgathalesege gore ke wa sebopego se fe.

Ba marekisetso a Sefalana le bagwebi go ralala lefatshe la Botswana ba bone go le matshwanedi gore ba thuse puso go neela bana ba ba tshelang le bogole thuto e e maleba ka go neela sekole se sebotlana sa St Peters kwa Mmadinare P70 000 go reka ditsompelo tsa thuto e ba e tlhokang.

Molomaganyi wa ofisi ya ba-na-le bogole, Rre Hamilton Mogatusi a re puso ya Botswana e tswa kgakala e ntse e eme ba-na-le bogole nokeng go ralala lefatshe la Botswana ka e bone go tshwanetse gore e nne le ofisi kwa lephateng la ga Tautona.

O ne a supa gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo go tseeng ditshwetso tsa lefatshe leno mo go supang gore puso e a kgathala e bile e tlotla ditshwanelo tsa ba-na-le bogole mme se se kgonagetse ka go bopagana le kagiso e e renang mo setshabeng.

Rre Mogatusi a re se se dirilweng ke marekisetso a Sefalana le bagwebi ba Botswana ke sekai sa tshwaragano le lorato lo Batswana ba nang le lone ka ga ba a leba go gweba fela mme ba thusa le merafe e e mo dikgaolong tse ba gwebang mo go tsone e bile ga se lantlha ba dira jalo.

O ne a supa gore marekisetso a Sefalana le bagwebi ba Botswana ba thusitse makalana a a farologaneng jaaka Motswedi Rehabilitation Centre, SOS kwa Serowe le ‘Re ka Kgona’ mo Selebi Phikwe mo go supang boineelo le boikarabelo jwa go ema bana ba ba tshelang le dikgwetlho nokeng.

O ne a supa fa puso e tshwere phage ka mangana go aga tshaba e e rutegileng go sa kgathalesege gore sebopego sa motho ke se fe mme mpho e e tlaa thusa puso mo peeletsong ya thuto e e leng nngwe ya maikaelelo a yone.

Mogolwane wa tsa tlhabololo kgwebo kwa marekisetsong a Sefalana, Rre Paul Ramoloi a re se ba se dirang ke leano le le tsileng ka bone le ba ba mo kgwebong le bone ba ka thusang ka go ntsha sengwenyana kgwedi le kgwedi go thusa kwa metseng e ba gwebang mo go yone.

A re se ke maikaelelo a bone a go thusa ka gotlhe mo ba ka go kgonang go nyeletsa pharologano magare ga bana ba ba tshelang le bogole le ba ba sa tsheleng le jone ka seo se ka ruta le go bopaganya bana.

Mme Goitsemodimo Kgomo yo e leng modulasetilo wa The Banner Group o ne a re ga go thata go thusa mongwe ka wena fa o tshela ka seo se simologa kwa tlhaloganyong mme e bile go thusa ga se go itshupa kana go fokotsa setho sa yo mongwe.

O ne a kopa Batswana botlhe go ititaa ka thuapana go supa lorato mo go ba bangwe ka go thusa ka sepe fela se ba ka se kgonang ka thuso ga e na bolekanyetso.

Mogokgo wa sekole sa St Peters, Mme Sylvia Marumo o akgotse thuso e ba e filweng a re seo se tlaa fokotsa dikgwetlho tse di ba lebaneng mo sekoleng jaaka matlwana a borutelo a a sa lebanang, tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto le sepalamo se se dirisiwang ke bana.

O ne a supa gore ba na le maikaelelo a go dira ditiro dingwe jaaka thuo ya dikoko le go roka mme di padisiwa ke letlhoko la madi ka bogole jwa bana bo farologane mme ba leka go ba neela maele a botshelo a a farologaneng.

A re dithuso tse di tlaa ba thusa go fenya dikgwetlho dingwe go tlhofofaletsa bana go ithuta.

Mokhanselara wa Robelela/Mmadinare, Rre Sylvester Masweu o ne a leboga Modimo gore o segofaditse lefatshe le ka batho ba ba dipelo dintle ba ba sa itebeng ba le nosi.

O ne a kopa batsadi go emisa go fitlha bana ba ba nang le bogole ka metlha e fetogile mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya meamuso ya lefatshe la Botswana, ka puso e supile tlhoafalo ka go tsaya ditshwanelo tsa ba-na-le bogole tsia.

O ne a akgola batsadi ba bana ba ba tshelang le bogole ga mmogo le barubatana ka ga go motlhofo go godisa ngwana wa seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : MMADINARE

Event : Kabo dimpho

Date : 03 May 2017