Breaking News

Kgosi kgolo Malope II o galaleditsa Kelosiwang

02 May 2017

Kgosikgolo ya Gangwaketse Malope II o galaleditse Rre Kitso Kelosiwang yo o tlogetseng tiro ka bogodi ngogola go bo a amule go le gontsi thata mo go ene ka bogakolodi le tirisano mmogo e a e dirileng mo tirong.

Kgosi Malope II o buile jalo ko moletlong wa tsamaya sentle o o neng o diretswe Kgosi Kelosiwang yo o neng a eteletse pele kgotla ya Mongala mo Kanye ka lobaka lo lo leele.

Kgosi Malope II o boletse fa  Rre Kelosiwang a ntse a tsweletse ka go mo fa dikgakololo mo tirong ya gagwe ya bogosi le go thusanya le  morafe. O boletse fa go nna thata go rarabolola dikgang dingwe a bitsa Rre Kelosiwang go tla go mo thusa.

A re ke monna yo o senatla thata yo o itseng ngwao ya Sengwaketse le tsamaiso ya merero ya puso. O boletse fa a tla nna a mo laletsa go tla go dira le ene le fa a tlaa bo a le ko lwapeng.

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile le ene o galaleditse Rre Kelosiwang go bo a berekile ka botswapelo le ene fa a sale a nna mopalamente.

Rre Kesupile o boletse fa a itse ngwao ya Sengwaketse thata e bile a itse tsamaiso ya puso ya gompieno le ya bogologolo. O boletse fa Rre Kelosiwang  e le motlobo wa ditso tsa Sengwaketse.

Mongwe wa mabutswapele yo o tlogetseng tiro ka bogodi e le moemela kgosi Rre Goboletswe Ketsitlile o boletse fa a berekile le Rre Kelosiwang ka e le motho yo o senatla thata.

O boletse fa a ne a na le tebelopele e bile a le keletlhoko thata mo dikgannyeng tse di farologaneng.

Rre Kelosiwang o tshotswe ka ngwaga wa 1926, a simolola go tshwarelela mo kgotleng ya Mongala ka 1985 a sa duelwe, a ithaopile. Ka 1959 e ne e le ralephalo. O kile a nna leloko la komiti ya ditshupo ya Kanye ka lobaka.

Ke mophato wa Masitakgosi. O lebogetse batho ba kgotla ya Mongala go mo tsamaisa sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 02 May 2017